Mapodisi a kopa barui go ya go bona dikgomo
18 Jun 2020
Mookamela mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Superintendent Mogomotsi Matlapeng, o kopile barui go ya go bona dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu kwa lesakeng la sepodisi.
A re ba tshegeditse dikgomo di le lesome le boferabongwe tse ba di fitlhetseng mo diatleng tsa borre bangwe kwa merakeng ya Selokolela.
A re dikgongwana tseo di supa fa di tlhaotswe mo go bo mmaatso. Supt Matlapeng o boletse gore borre bao, ba ba dingwaga di fa gare ga masome a mararo le bobedi le masome a marataro le boraro mme ba tlholega kwa Maisane, ba setse ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme ba santse be le mo diatleng tsa mapodisi go thusa go tsweledisa ditlhotlhomiso.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Matlapeng o akgoletse banni ba kgaolo ya gagwe go bo ba itshwere sentle morago ga go bulwa ga madirelo a bojalwa.
A re bareki le barekisi ba supile fa ba tlhaloganya melawana ya thekiso ya bojalwa ka jaana go nnile le tirisanyommogo.
Le fa go ntse jalo, o kopile setshaba gore jaaka go simolodisiwa melawana e mesha e mo go yone go okeditsweng dinako tsa thekiso, ebile go letlelelwa gore batho ba ka nwa ba ntse fatshe, tirisanyommogo eo e tswelele go itsa go anama ga segajaja sa COVID-19.
O gakolotse bagwebi le bareki gore ba sale ditsamaiso tsotlhe morago mme ebile ba netefatse gore go a katologanwa le fa go nwelwa mo madirelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Kanye
Event : Potsoloso
Date : 18 Jun 2020