Thekiso ya bojalwa jwa setso e a sekasekwa
17 Jun 2020
Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Peggy Serame, a re thekiso ya bojalwa jwa setso e tlaa tswelela e seegetswe fa thoko ka go santse go sekasekwa methale e e babalesegileng ya thekiso ya jone.
E rile a buisa babega dikgang mo Gaborone ka Labobedi, Tona Serame o ne a bolela fa therisanyo fa gare ga ba-na-le seabe e santse e tsweletse.
A re tsholofelo ke gore therisanyo e wele kgwedi ee tlang, selo se a reng se tlaa thusa mo tshwetsong ya go bulela thekiso.
Tona Serame o supile fa maikaelelo a tshekatsheko e, e le go tla ka maano a go baya botsogo jwa moreki le morekisi mo pabalesegong.
A re ka tlwaelo, bojalwa jwa setso bo nowa go kgobokanwe, selo se se ka bayang matshelo a banwi mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa corona.
A re bojalwa jwa setso bo nowa ka go fapaanela phafana, kopi kana yone bokoso, ka jalo bo amanya batho mme seo se ka nna borai.
Mo go tse dingwe, Tona Serame a re puso e tlaa dira ka gotlhe go thusa go tsosolosa dikgwebo tse di potlana go ka itshetela gape morago ga go amiwa ke mabaka a kiletso mesepele.
A re lenaneo la Letlhabile la Citizen Entrepreneur Development Agency le tlaa thusa dikgwebo tse dipotlana go itshetlela gape. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mayepedza
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya babegadikgang
Date : 17 Jun 2020