Breaking News

Mogokgo o atla thuso ya batsadi

17 Jun 2020

Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Siviya kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Pele Maunge o akgoletse batsadi go netefatsa gore bana ba bone ba sala ditaelo tsa ba botsogo mo maitekong a go laola kanamo ya mogare wa corona. 

Mo potsolotsong bosheng, Rre Maunge a re se, se supa fa batsadi ba kgathala ka thuto ya bana. 

Siviya o ne a tsenwa ke tsebetsebe go sena go nna le pego e le nngwe ya molwetse wa COVID-19.

 Le fa gontse jalo, banni ba Siviya ba dira gotlhe go leka go lwantsha kanamo ya mogare, ka ba ne ba dirisanya sentle le ba ba latedisang motlhala wa ba ba amaneng le ba ba belaelwang gore ba ka tswa ba na le mogare. 

Mogokgo a re e ne ya re pele bana ba lekwalo la bosupa ba bula kgwedi eno e simolola, ba ne ba ipha matsapa go dikologa le dikgotlana tsa motse oo, go tsibosa banni ka tse baithuti ba tlaa tlhokang gore ba di dire jaaka go katologana, go tlhapa diatla le go tsewa mogote fa ba tsena ka kgoro ya sekolo le gone go rwala di dirisiwa tse di pipang molomo le nko ka dinako tsotlhe.

Rre Maunge a re ka fa baithuti ba lekwalo la bosupa ba itshwarang ka teng, go supa fa e le ruri batsadi ba dirile gotlhe go gasa  molaetsa wa go lwantsha kanamo ya mogare.

 A re o ne a nona pelo ka letsatsi la ntlha fa baithuti botlhe ba goroga ba ipipile melomo le dinko.

O ne a lebogela tirisanyo mmogo ya banni ba Siviya le ba-na-le seabe ba bangwe ba ba akaretsang Lephata la Thuto go tswa kwa Moding le khansele ya Bokone Botlhaba.

Rre Maunge a re sekolo sa gagwe ga se ise se nne le kgwetlho epe e e ka ba emang pele go tswelela le mosepele wa bone wa dithuto tsa bana ba lekwalo la bosupa, a supa fa baithuti botlhe ba le masome mane ba boetse sekolong.

Mogokgo o tsweletse a bolela fa sekolo se eme sentle go amogela baithuti ba bangwe.

A re ntswa ba ka kopana le dikgwetlho fale le fale di akaretsa tlhaelo ya didirisiwa, fela ba tlaa leka bojotlhe go itebaganya le tsone go tlhomamisa gore baithuti ba tswelela le dithuto tsa bone.

O ne a tlhalosa fa sekolo sa gagwe se na le baithuti ba le makgolo a le mararo le masome a le mararo le borataro le matlo a borutelo a le lesome le borataro, a re seo se mo fa tshepo ya gore ba tlaa tswelela fela ntle le thulaganyo ya go hapaana, ka e bile matlo mangwe a borutelo a bulegile, mo baithuti ba ka kgonang go nna ba katologane.

Mo maitekong a go nna le seabe mo ntweng kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona, banni ba Siviya ba abetse sekolo seo didirisiwa tse di tlhapelang diatla, di gokeletswe sethuthafatsa metsi, tse di lopileng P30 000 mme di solofetswe go tsena mo tirisong mo nakong e e sa fediseng pelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Siviya

Event : Potsolotso

Date : 17 Jun 2020