Breaking News

Tlokweng Welfare Society e aba dikobo

17 Jun 2020

 Lekgotla la bopelotlhomogi la Tlokweng Welfare Society le abetse malwapa a le masome matlhano kwa Tshwaane le Khekhenye dikobo di le makgolo a mararo le dijo.

Fa a aba dimpho tseo ka Labobedi kwa metseng eo ya kgaolo potlana ya Letlhakeng, modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Ameen Moorad, o boletse fa go ba itumedisa go thusa ba ba nang le letlhoko. 

A re se ba se dirang ke thato ya Modimo, yo o ba segofaditseng gore le bone ba nne tshegofatso mo go ba bangwe.  

Rre Moorad a re lekgotla la bone le tswa kgakala le thusa Batswana ka go farologana.

A re ka jaana go le mariga, dikobo tseo di tla thusa mo serameng se se bogale.

Modulasetilo a re e re ka le bone ba kopa dithuso mo go ba bangwe gore ba thuse Batswana, ba lebogela dithuso tseo fela thata mme ba ikaelela go tswelela ba thusa.

A re e rile segajaja sa COVID-19 se simolola ba ne ba aba dijo kwa Tshwaane le metse e mengwe.

Mokwaledi wa lekgotla leo, Rre Fazlur Moorad, a re ba simolotse dingwaga tse tharo tse di fetileng mme maikaelelo a lone e le go direla Modimo ka go thusa setshaba go ba ntsha mo letlhokong.

A re lekgotla leo le bopilwe ke maloko a dithutego tse di farologaneng mme ba kopa dithuso mo go ba bangwe gore ba kgone go abela ba bangwe.

Rre Moorad a re ba setse ba dirile go le gontsi go thusa banni ba Tlokweng, Mogobane, Otse le e mengwe.

A re ba tsile go tswelela ba thusa Tshwaane ka dilo tse di farologaneng.

Fa a amogela baeng, Kgosi Oagile Balatheng, o ne a supa fa ba itumetse fela thata go amogela dimpho tsa dikobo ka jaana ba tlaa dika ba orile molelo wa mariga.

A re kobo ke mpho e tona fela thata, bogolo jang mo nakong ya mariga ka e tsisa bothitho mo malwapeng ka bontsi.

Kgosi a re go kopantsha matlhoki a batho ke selo se se molemo fela thata mme a kopa morafe wa gagwe go amogela dimpho tseo ka lorato.

Kgosi Balatheng o ne a tlatsa ka gore o itumelela tirisanyo mmogo mo gare ga motse wa bone le Tlokweng Welfare Society mme a re keletso ke gore botsalano jo e nne jwa sennela ruri.

Kwa Khekhenye, Kgosi Moleti Letlatlawe a re dimpho tseo di tla ba thusa fela thata ka jaana morafe wa gagwe o bolawa ke tlala.

A re fa e sale COVID-19 e tlhagoga, go ne ga nna tlala mo morafeng wa gagwe mme le fa puso e ne ya ba tswa thuso ka go ba phakisa dijo, dingwe tsa tsone ga ba ise ba ko ba di bone bogolo jang seshabo.

Le fa go ntse jalo Kgosi Letlatlawe o ne a lebogela lekgotla leo go ba tswa dithuso ka jaana dikobo tseo le dijo di tlaa ba namola mo marigeng le mo tlaleng.

O ne a ba kopa gore ba thuse thata motse wa gagwe ka jaana botlhoki bo le bontsi fela thata mme ebile gona le malwapa a batho ba one ba sena boroko.

E rile aa fa malebo, mokhanselara wa kgaolo eo Rre Mokgweetsi Mokgolele a re o lebogela dimpho tseo fela thata e bile o tletse boitumelo ka di namola banni ba kgaolo ya gagwe mo lehumeng.

O ne a kopa lekgotla leo gore ba agele Tshwaane diofisi tse ka tsone e ka nna segopotso sa sennela ruri mo dipelong tsa banni ba motse oo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Tshwaane

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Jun 2020