Breaking News

Rakgare o galaleditse Anafiki

16 Jun 2020

Tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare o lebogetse moopedi, Mme Anafiki Ditau, go dira pharologanyo mo mererong ya bodiragatsi.

Tona o buile se bosheng fa a ne a ile go lekola moopedi oo le go mo isetsa dimpho tsa dijo kwa Pitsane. 

Rre Rakgare a re Mme Ditau, yo o tumileng ka pina ya Mpolelele re Babedi, ke seopedi sa tlhwatlhwa se se itsegeng lefatshe ka bophara.

 O kaile fa go le botlhokwa go itse fa talente ee tshwanang le ya ga Mme Ditau e sa tle gantsi ka jalo e tlhokwa go somarelwa. 

Tona Rakgare o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le tsweletse ka go dira ka bonatla, go rurifatsa gore talente e a rotloediwa.

O ne a kaya fa lephata la gagwe le na le mananeo a go ribolola talente.  

A re keletso ke go bona  Botswana a na le baopedi ba ba dirang dipoelo tse di kgolo ka ditalente tsa bone, selo se a reng se ka ba kgontsha go thusa lefatshe le go tsaya karolo mo go tsa bopelotlhomogi.

O ne a fa sekai ka seemo sa ditlhabololo a re fa Botswana a ne a setse a gorogile mo seemong se baopedi ba dirang madi a mantsi, o dumela fa Mme Ditau a ne a ka bo a dirile pharologanyo e tona kwa Pitsane.

Tona Rakgare a re puso e eletsa go tlhoma khansele ya bodiragatsi go tlhabolola mohama o. 

O tlhalositse fa kgang ya khansele ya bodiragatsi e le nngwe ya tse a tlaa di bayang pele palamente kgwedi e e tlang.  

A re fa palamente e ka letlelela khansele e, e tlaa tlhongwa mme e rurifatse gore bodiragatsi bo rulaganngwa sentle.

Tona Rakgare o ne a tlhalosa fa ofisi ya banana e tlaa thusa Mme Ditau ka P7 500 go mo imolola manokonoko a segajaja sa COVID-19.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Ditau o ne a kaya fa a itumeletse dimpho fela thata mme a kaya gore tiro e lephata la ga tona le e dirang e le sekao se sentle, a tlatsa ka gore puso e tlaa segofala go bo e tsweletse ka go fa bangwe  dijo le bonno. 

A re dimpho di tsile ka nako e e siameng ka kgwedi e, e le ya matsalo a gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Pitsane

Event : Kabo dimpho

Date : 16 Jun 2020