Breaking News

Makhanselara a kopa khansele go tsiboga

16 Jun 2020

Makhanselara a khansele potlana ya Serowe a kopile bodiredi go tsibogela go dira ditlhabololo nako le nako fa ba fiwa madi.

Ba re mo nakong e, ditlhabololo ka bontsi tse di neng di filwe madi di saletse kwa morago fa go na le tse dingwe tse dikgologolo tse di batlang go tsibogelwa. 

Ba buile se kwa bokopanong jwa khansele potlana eo ka Mosupulogo. 

Bontsi jwa makhanselara bo ne gape jwa supa fa ditlhabololo dingwe tsa dikgaolwana tsa bone di sa wela sentle fa bangwe ba ne ba supa fa ditlhabololo di dirilwe mme di sa nametse.

Mokhanselara wa Thabala/ Mogorosi, Rre Edward Gaefele, o tlhalositse fa motshelakgabo oo dirilweng kwa Thabala o setse o dirisiwa mme a re ga itumelele boleng jwa one,  jo a reng bo kwa tlase. 

O ne gape a ngongoregela boleng jwa tsela e e yang kwa community hall a re ga e a dirwa sentle. 

Rre Gaefele  o ne a kopa bodiredi jwa khansele jo bo  itebagantseng le go sekaseka gore a dikago kana ditlhabololo di weditswe sentle go tlhodumela gore a se se dirilweng ke sa maemo a a kwa godimo go na le gore se amogelwe fela le ntswa se na le fa se sa dirwang sentle.

Le fa go ntse jalo, mokhanselara wa Mogatsapoo, Rre Vuyo Yane, ene o ne a supa fa a sa itumelele tshwetso e e tserweng ya gore go emisiwe madi a ditlhabololo a dikgaolo.

A re makhanselara ba ne ba beile thata mo go one ka a ne a tlhabolola dikgaolwana tsa bone. 

A re go emisiwa ka nakwana ga lenaneo la Ipelegeng go beile bontsi ka fa mosing, segolo bogolo ba ba sa direng le ba ba kwa metseng e mennye.

Fa a tsibogela mafoko a makhanselara, mogolwane go tswa kwa go ba mealo ya dikago Rre Ofentse Moatshe o ne a dumelana le makhanselara gore go nnile le tiego mo khanseleng potlana ya Serowe. O ba solofeditse fa khansele e tla dira gotlhe mo e ka go kgonang go feleletsa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago a bolela fa madi a tsone a le teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Bokopano jwa Khansele

Date : 16 Jun 2020