Bagwebi ba ba botlana ba kopa thuso
16 Jun 2020
Bagwebi ba babotlana kwa Serowe ba itela mo pusong go sekaseka gore ba ka se thusiwe ka madi go tsosolosa dikgwebo tsa bone tse di neng tsa amiwa ke kiletso mesepele.
Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya bagwebi, Mme Tumalano Monamodi, kwa bokopanong jwa bagwebi ba babotlana le bogogi jwa khansele potlana ya Serowe bosheng.
A re kiletso mesepele e ba tlogetse ba iphothere le ntswa ba tshwanetse go jesa ba malwapa a bone.
Bagwebi ba, ba ne ba ile go itsisiwe ka melawana mengwe le dingwe tse di nnileng teng ka ntata ya COVID-19.
Mme Monamodi a re mo bogompienong bagwebi bangwe, bogolo jang ba ba gwebang ka go rekisa merogo, ditamati le tse dingwe ba santse ba le kwa malwapeng ka ba sena madi a go reka tse ba di rekisang.
A re ba tlhoka gore ba reke tse ba tshwanetseng go di dirisa jaaka di sanitiser, mme le tsone di ja madi a mantsi ka jalo o ne a kopa puso go sekaseka gore a ba ka seke ba di rekelwe.
E ne e rile go le pele mogolwane wa tsa diteseletso kwa khanseleng potlana ya Serowe, Mme Lorato Madigela, o ne a itsise bagwebi bao fa go nnile le diphetogo di le mmalwa morago ga kiletso mesepele tse ba tshwanetseng ba di obamele.
A re bagwebi bao ba tshwanetse gore ba katologane ka sekgele se se beilweng mongwe le mongwe wa bone, ba ipipe melomo le dinko, ba nne le fa ba kwalelang teng botlhe ba ba rekang mo go bone, ba nne le sanitizers ebile gape ba phuthelele ruri go tswa kwa magaeng tsotlhe tse ba di rekisang.
O ne gape a gakolola ba ba rekisang diaparo go seka ba letlelela ba ba rekang go itekanya diaparo fa ba reka.
Mme Madigela o ne a gakolola gore e nne boikarabelo jwa mongwe le mongwe wa bone go sala melawana ya go itshireletsa le go sireletsa ba bangwe mo segajajeng sa COVID-19
Mme Boammaaruri Letebele yo o itebagantseng le tsa tikologo le ene a tswa mo khansele potlana ya Serowe o ne a itsise bagwebi bao fa go thapilwe badiri ba ba tla a bong ba tlhokometse gore a melawana ya COVID-19 e salwa morago.
O ne a a kopa bagwebi go sala morago melawana yotlhe ya COVID-19 le gone go dirisanyana le badiri bao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Bokopano
Date : 16 Jun 2020