Beng ba matlo ba lela ka dituelo
15 Jun 2020
Mothusa kgosi kwa lekgotleng la Motswedi/Thema, Kgosi Kgotlaetsile Motsamai a re beng ba matlo ba ikuetse kwa go bone gore bahirisi ga ba a ba duela mo dikgweding tse pedi tse di fetileng fa setshaba se ne se tsena mo serubing.
Kgosi Motsamai o tlhaloseditse BOPA fa beng ba itela gore ba itshetsa ka dituelo tsa matlo.
A re le fa gone puso e ne e tlhalositse gore go se nne le ope yo o kojwang mo tlung ka lebaka la gore ga a duela, setshaba se buletswe mo serubing mme tsholofelo ke gore seemo se tlaa boela mannong.
Kgosi Motsamai o ngongoregile gape ka batho ba ba sa itshwareng sentle, bogolo jang fa go sa le go bulelwa thekiso ya bojalwa, a re ga go kgweediwe dikoloi sentle mo go bakang dikotsi tse di tshesane.
A re yaare morago ga go itshiela, bangwe ba tlhoke go sala morago ditaelo tsa botsogo go thibela bolwetsi jwa COVID-19 ka go kgobokana ebile ba sa dirise dibipa molomo.
Kgosi o gakolotse setshaba gore bolwetsi bo santse bo le teng mme go botlhokwa go iphapha.
O supile fa bojalwa bo busetsa morago ka jaana bangwe ba ne ba simolotse maano a go itshetsa ka nako e bo neng bo emisitswe mme jaanong go raya gore ba ya go tlhokomologa ditiro tseo, ba lebagana le go nwa bojalwa.
Kgosi Motsamai a re bangwe ba ntse ba goga motsoko le fa thekiso ya one e emisitswe, selo se a reng se ka fetisa mogare motlhofo fa o fapaanelwa.
O gakolotse ba ba sa kgoneng go nna ba sa goge go kopa thuso le bogakolodi jwa baitsaanape.
“Batho ga ba idiwe go goga motsoko, puso e batla go ela tlhoko seemo gore mogare ga o aname,” Kgosi Motsamai a tlhalosa.
A re go thujwa ga matlo go simolotse go tshwenya kwa kgaolong eo, a tlatsa ka gore seemo se ne se bepile ka nako ya kiletso mesepele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 15 Jun 2020