Bakanoki ba batlisisa ka sethunya
15 Jun 2020
Morago ga go bala polelo ka sethunya sa mmadihôlo mo pampiring ya Dikgang ya DailyNews, bakanoki ba tsa temo thuo ba ne ba tsibogela go dira dipatlisiso ka sethunya seo se barui ba bolelang fa sena le dikotla mo leruong.
Fa a bua mo potsolotsong ka Matlhatso, Mogolwane wa dipatlisiso tsa temo thuo mo Kgalagadi Rre Bornwell Mabechu o tlhalositse fa a badile ka botlhokwa jwa sethunya seo mo motsweding wa dikgang wa DailyNews mme a bona go tshwanela go tsibogela go dira ditshekatsheko ka sethunya se.
O buile jalo fa ba BOPA ba ne ba ile go supegetsa ba temo thuo sethunya seo ko morakeng wa Kuwe gaufi le Tsabong.
Rre Mabechu a re se se ba ngokileng go dira dipatlisiso ka sethunya sa mmadiholo ke gore dipudi tse di fulang setlhatshana seo di gola ka pela mme ebile di nna le mashi a mantsi mo go rayang gore le dipotsane tsa tsone di a nonofa. Gape a re ba kgatlhilwe ke gore mashi a dipudi a nna le tatso.
A re ka ba ne ba ise ba nne le kitso ka setlhare seo ba ne ba kgatlhegela go kopa mokwadi wa BOPA wa polelo eo go ba isa ko setlhatshaneng seo gore ba simolole dipatlisiso.
A re go botlhokwa gore ba tlhaloganye setlhare seo gore ke sa mofuta mang mme ebile se lebega jang gore ba se tseye ba dire dipatlisiso go bona gore se ka solegela lefatshe leno molemo jang.
Rre Mabechu a re setlhatshana seo se a makatsa ka gore ka paka ya mariga ditlhatshana tse dingwe di a sha mme sone se nna se le setala ka jalo go botlhokwa gore se elwe tlhoko.
O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno ba tsa temo thuo ga ba na kitso e e kalo ka setlhatshana seo mme ba tlaa golagana le baitseanape botlhe ba ba maleba jaaka ba tsa phulo, dijo tsa leruo le bomaitseanape ba tsa boranyane ba masimo (Range and Pasture, Animal Nutrition, and Agronomy) go bona gore ba ka berekisanya jang go ya pele ka setlhatshana se barui ba kgaolo ya Kgalagadi ba se tlotlomatsang thata.
A re fa a se lebile ka matlho o belaela setlhatshana seo se wela ka fa tlase ga mofuta wa ditlhatshana wa Alster species mme ba tlaa leka go rurifatsa gore sone ke sefe mo go tsone.
A re ditlhatshana tsa mofuta o gantsi di farologana ka mmala wa sethunya ka tse dingwe di le mmala wa loapi fat se dingwe di le botala jo bo gateletseng (purple).
O tsweletse ka go tlhalosa gore bakanoki ba tsa temo thuo ba amogela go batlisisa tsotlhe tse di molemo tse di amang temo thuo ka gore matlotlo a dikitso tsa bagologolo (Indigenous Knowledge) a botlhokwa ka e le matlhagolela tsela a dipatlisiso.
A re dikitso tsa barui ka sethunya sa mmadiholo di supa fa ba di amule mo bagologolong ka jalo go le mosola thata gore ba dire dipatlisiso go bona gore sethunya se se na le dikotla dife le gone go bona gore se ka ntsifadiwa jang.
Mogolwane wa dipatlisiso tsa temo thuo mo Kgalagadi o o tsweletse ka go tlhalosa gore letsholo le a simologa gore ba rwale ditlhako ba sekaseke setlhatshana seo.
A re gape dipatlisiso tseo di tlaa thusa gore barui ba ka dirisa sethunya seo jang ka nako ya leuba a tlhalosa jalo gore balemi barui ba na le dikitso ka dimela tse di ka dirisiwang go lepalepana le seemo sa leuba ka jalo go botlhokwa go batlisisa le go somarela dikitso tseo.
Ka jalo lephata la temo thuo le tlaa batlisisa gore setlhatshana seo se ka somarelwa jang go itsa gore se nyelele mme ebile ba tlaa tsaya peo ya teng go bona gore se ka ntsifadiwa jang.
A re kgaolo ya Kgalagadi e tshabelelwa ke leuba segolo bogolo ka e le mo sekakeng.
A re gore lefatshe le fitlhelele maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go nna tlhabologo ya maemo a ntlha ya 4th Industrial Revolution go botlhokwa go tsibogela dipatlisiso le gone go somarela matlotlo a ditsa tlholego (Indigenous species ) ka di tswa goo lowe di thusa.
A re setshedi sengwe le sengwe se na le karolo e se e tshamekang go tshegetsa botshelo mo tlholegong.
A re mo dinakong tsa segompieno tsa go thuthafala ga loapi go botlhokwa go somarela ditsa tlholego gore loapi le nne jaaka mmopi a le bopile le go bababalela matshelo ka jalo go botlhokwa gore dipatlisiso di dirwe gore ditlhare di somarelwe gore di seka tsa nyelela.
Kwa bokhutlong moitseanape yoo, o lebogetse motswedi wa dikgang wa BOPA go kwala ka setlhare seo, selo se a reng se ba tlhabile podi matseba ka jalo ba tlaa tsaya setlhare seo le matute a sone ba romela ko Sebele go bona gore sena le dikotla dife. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 15 Jun 2020