Gaborone Private Hospital e tswetswe
14 Jun 2020
Setshaba se itsisiwe ka go tswalwa ga sepatela sa Gaborone Private Hospital go simolola ka Labotlhano a le lesome le bobedi go fitlhelela ka nako e e tla bolelwang.
Se se boletswe ke Mookamedi wa lekalana la botsogo, Dr Malaki Tshipayagae, fa a ne a lekodisa phuthego ya babegadikgang ka Labotlhano mo Gaborone.
A re sepatela se se tswetswe ka gore go na le kgonagalo ya gore bolwetse jwa COVID-19, bo ka tswa bo tlhagogile kwa sepateleng seo.
Dr Tshipayagae a re go tswalwa ga sepatela se, ke go leka go dibela botlhe ba ba ka eletsang go kopa ditirelo teng, gore ba se ka ba tsenwa ke bolwetse.
Botlhe ba ba kileng ba etela sepatela seo, go akarediwa balwetse le babereki go tswa ka Seetebosigo a ferebobedi go fitlha Seetebosigo a le lesome le bobedi ba itsisiwe gore ba tshwanetse go tsena mo serubing selekanyo sa malatsi a le lesome le bone.
Ba ba kopang ditlhaloso, kgotsa ba tsietsega ba rotloediwa go leletsa nomore ya 16649.
Fa godimo ga moo, botlhe ba ba amegang ba tshwanetse go dirisa pampitshana (form) e batla a kwalelang mo go yone seemo sa bone sa botsogo ya (self-monitoring).
Dr Tshipayagae o rotloeditse botlhe ba ba supang dikai tsa bolwetsi jo, go ikopanya le ba botsogo gore ba thusiwe.
A re badiri ba botsogo ba aname le mafelo a a farologanyeng go latedisa ba ba ka tswang ba amane le mafelo a a belaelwang.
Fa godimo ga moo a re e tla re mafelo ao a sena go itsisiwe ka se, a tswalwe, go wetsa ditlhotlhomiso le gore seemo se bepe.
Ba ba setseng ba le mo sepateleng ba tla a tlhatlhobiwa go bona gore a ga ba amega, fa baoki batla tswelela ka go ba fa ditirelo.
Dr Tshipayagae a re, se se botlhokwa ke gore batho ba idiwe go tsena le go tswa mo sepateleng, go hema go amega.
O boletse gape gore ditlhotlhomiso di tla fefosiwa go itsa gore ditirelo tsa sepatela di amege ka lebaka le le leele.
Setshaba se rotloediwa go tswelela ba sala morago melawana ya COVID-19 ka go tswelela ba tlhapa diatla, go arogana le go dirisa di mask, ka jaana seemo ga se ise se bepe mo kgaolong jwa borwa jwa Africa (SADC Countries). Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya babegadikgang
Date : 14 Jun 2020