Breaking News

Puso ga e na maikaelelo a go emisa ipelegeng

14 Jun 2020

 Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a re ntswa bontlha bongwe jwa madi a lenaneo la Ipelegeng a tlaa diriswa mo ditirong tsa COVID-19, puso  ga e ise e tsee tshwetso ya go fokotsa dipalo kgotsa  go emisa lenaneo leo.

Rre Autlwetse o buile se a tsibogela matshwenyego a modulasetilo wa Khansele potlana ya Ghanzi botlhaba Rre Gabriel Nguahoka kwa Ghanzi ka Labotlhano.

Rre Nguahuka o ne a re  fa  bontlha  jwa madi a Ipelegeng a ka  dirisiwa go thapa baphepafatsi mo  dikolong le bao baba  tlaa bong  ba beile  leitlho go bona gore a melawana ya  ipabelalo kgatlhanong le COVID-19 e salwa morago, go tlaa bo go raya gore dipalo tsa Ipelegeng di ya go ya kwa tlase.

Rre Autlwetse o ne a tlhalosa gore tlhagogo  ya mogare e amile  itsholelo ya Botswana , selo se se neng sa patika  puso go dirisa madi a Ipelegeng  mo ditirong dingwe tsa go leka go thibela kanamo ya mogare COVID-19. 

A re puso ga e ise e tsee  tshwetso ya go fokotsa  kgotsa go emisa  lenaneo la  ipelegeng

Mothusa tona a re mo nakong eno puso e bata go sekaseka ditiro tse di dirwang ka lenaneo la Ipelegeng go bona gore a di  tswelwa  lefatshe mosola .

 Rre Autlwetse a re ba batla lenaneo la Ipelegeng le dira ditiro tse di nang le boleng, ebile e le tsa sennelaruri. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ghanzi

Event : Phuthego ya khansele

Date : 14 Jun 2020