Breaking News

Bakwena ba amogela dikgakololo

14 Jun 2020

 Molaodi wa kgaolo ya Kweneng mme Berenice Berman-Mosime a re ba kgonne go ntsha batho mo mekgwatheng go tsibogela kiletso mesepele ya nako eno, go hema kanamo ya mogare wa corona. 

    O buile se mo Potsolotsong le BOPA ka Tshipi kwa Molepolole, morago ga go lemoga fa e rile ka Matlhatso morafe o ne o gololesegile ka metsamao ya gale go tsena mo marekisetsong, fa bagwebi ba ba botlana ba ne ba le mo tsamaisong ya gale ya go gweba, ba itlhokomolositse tlhagiso ya kiletso mesepele ya Labotlhano. 

Molaodi o ne a re ba ne ba tlhomamisa bogakolodi pele ba ka diragatsa molao.

O tlhalositse gore, nngwe ya dikgang tse ba neng ba di tsibogela ka kgakololo ya komiti ya COVID-19, ke ya go thusa batho ba ba neng ba kaeletswe go sena dipalamo magare ga Molepolole le Gaborone go boela kwa mafelong a ba nnang kwa go one.

O lebogetse gore e re ntswa seemo se ne se fatlha mo mosong wa letsatsi la Matlhatso, go ne ga nna le tirisanyo mmogo, batho ba tlhaloganya seemo se lefatshe le iphitlhelang le le mo go sone, ka jalo seemo sa boela meriting mo tshokologong.

“Tsholofelo ke gore e re ka Mosupologo go bo go se ope yoo ipatang ka go tlhoka kitso ka mo nakong eno re ne re tlhaloganya go ka bona metsamao fale le fale ya bao gongwe ba tswang mo mafelong a a mo tikologong go tla go reka tse di botlhokwa.”

Mongwe wa bagwebi ba merogo mme Kenaope Segopa a re, ntswa a tlhaloganya seemo se se lebanyeng lefatshe sa go lwantsha kanamo ya mogare wa corona, o tshwenngwa ke tshwetso ya potlako e a reng e setlhogo, bogolo jang mo bagwebing ba ba botlana ba ba senang le tsone ditsompelo tsa go babalela dithoto tsa bone tse di senyegang.

Mme Segopa o ne a lebogela bogogi jwa kgaolo bo akaretsa ofisi ya ga molaodi, ba botsogo le ba sepodise go dira ka boineelo go bona gore seemo se nna mo taolong go sena makgwere.

A re seemo sa keletso mesepele se ba kgoreletsa go tswa mo manokonokong a itsholelo e e kwa tlase, a re dikgwebo tsa bone di a ba tshetsa mme se se fokotse palo ya ba ba tlamelwang ke puso.

Bakaedi Selemela le ene o lebogetse tirisanyo mmogo ya bodiredi, bogolo jang ba ile ba eteletse pele lefoko la kgalemo le tlhagiso pele ba tsaya dikgato tsa go diragatsa dikotlhao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 14 Jun 2020