Breaking News

Ba kgaolo ya Serowe ba malala a laotswe go amogela baithuti

14 Jun 2020

Bontsi jwa dikole mo kgaolong ya Serowe di tla a nna le dithuto tsa mo mosong le motshegare.

Se se builwe ke mogolwane wa thuto mo kgaolong potlana ya Serowe, Rre Sonny Mooketsi jaaka fa a ne a rolela bokopano jwa khansele potlana ya Serowe ka seemo sa dikole bosheng.

Rre Mooketsi a re dikole dingwe, jaaka sa Ranokanyane le sa Metsimasweu, di tla a nna le dithuto tsa mo mosong fela ka mantlwana a tsone a borutelo a lekane.

O ne a tlatsa ka gore sekole sengwe le sengwe se reketswe di tsaya mogote, mme di ne di rekwa jalo go lebilwe palo ya baithuti, gore go seka ga nna le tiego fa ba goroga mo sekoleng.

A re matlhapelo a diatla a phatlaladitswe le sekole gore baithuti ba seka ba kgobokana golo go le gongwe. 

O supile fa mo nakong eno, dikole dingwe, bogolo jang tse dipotlana, di le palonyana di ise di nne le phaposi e e tla a reng moithuti a sa tsoga sentle a lete ba bongaka teng.

Rre Mooketsi o ne a re ntswa dikole tsotlhe di na le di sanitisers, ba rotloetsa gore baithuti ba tlhape diatla ka metsi le molora.

O ne a itsise makhanselara fa go na le dipaakanyo tse di santseng di tsweletse kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Mmashoro, Patikwane le Mothamo, mme a re o tshepa gore e tla a re dikole di bulwa, tiro e bo e wetse. 

Rre Mooketsi a re baithuti ba tla a baakanngwa maikutlo le gone go rutuntshiwa ka go itshireletsa mo segajajeng sa COVID-19, le phetogo e e leng teng ya go nna ba ipipile melomo le dinko. 

O ne a kopa makhanselara go ba thusa ka megopolo, bogolo jang kwa dikoleng tse go nang le baithuti ba ba nnang teng, gore ba ka ba fa boroko jang ka go na le tlhaelo ya matlo a boroko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Bokopano jwa Khansele

Date : 14 Jun 2020