Mapodisi a abela bana ba modiri ka bone wa pele
14 Jun 2020
Mapodisi a kgaolo ya Bokone Legare (North Central Region) ba abetse modiri ka bone, Mme Masego Seabueng le bana ba modiri ka bone wa pele, Special Constable Lorato Letsogile yo o tlhokafetseng ka 2015 dimpho tsa madi a a fetang P5 600.
Fa a bua, kwa kabong dimpho tseo ka Laboraro, mothusa moakamela mapodisi a kgaolo ya Bokone Legare, Deputy Divisional Commander Seabe Maboka o akgoletse badiri ba sepodisi tiro e ntle e ba e dirileng a re seo ke sesupo sa gore ga ba a lebala bana ba modiri ka bone le ntswa a ba tlogetse
Dimpho tseo di ne di akaretsa diaparo tsa mariga le tsa sekole, gammogo le divoucher tsa Sefalana tse pedi tsa P500 nngwe le nngwe.
“Dimpho tse tsotlhe, re kgonne go di reka ka mowa wa boithaopo, lorato le mautlwelobotlhoko a mapodisi a kgaolo ya Bokone Legare a gape e leng maloko a mokgatlho wa sepodisi wa mafatshefatshe, e bong International Police Association,” Rre Maboka a tlhalosa.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Officer Commanding No.16 District, Senior Superintendent Ditshweu Mphoeng o tlhalositse fa ba ne ba bona go le maleba go gopola bana ba ga Special Constable Letsogile, go ba fa lorato le go ba lemotsha fa ba sa ba lebala.
Fa a ntsha la gagwe, Mookamela Sepodisi kwa Dibete, Supt Thapelo Ranku o tlhalositse fa ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba dire sengwe go gomotsa bana ba ga Mme Letsogile gammogo le modiri ka bone, Mme Seabueng.
A re Mme Seabueng o ne a amega mo kotsing ya koloi e neng ya gapa botshelo jwa modiri ka bone yo mongwe, ka 2018.
“Selo se, re se dirile jaana e le maiteko a go supa gore le rona re a kgathala ka bana ba le modiri ka rona, mabapi le diemo tse di kileng tsa ba diragalela. Re bone go le maleba gore mo letsatsing la gompieno, le fa re na le ditiro tse dingwe, re di beele kwa thoko go tla go ba gomotsa,” ga bua Rre Ranku.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Mookamela Mapodisi a Mahalapye, Supt Omphile Malemenyane o rotloeditse mapodisi ka ene go tswelela le boithaopo
“Tiro e le e dirileng e, ke tiro e tona. Go bona fela le supile lorato le le kanakana mo baneng ba mongwe ka lona o kileng a dira le lona ke selo se se itumedisang. A le nne le tswelele, go seka ga felela fa. Dilo tse di ntseng jaana di a lebosega ka gore le dirile tiro ka madi a dipata tsa lona le sa patelediwe, le tlhotlhelediwa fela ke mowa wa lorato,” Supt Malemenyane a kgothatsa.
Fa ba leboga, monnawe Special Constable Letsogile, Mme Pinkie Letsogile le Mme Seabueng ba re ba rapela Modimo gore a tswelele ka go segofatsa le go okeletsa mapodisi a Bokone Legare mo go tsotlhe tse ba di dirang, ba tlatsa ka gore ba lebogela lorato le ba le supileng mo go bone ba re le a ba gomotsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Kabo dimpho
Date : 14 Jun 2020