Breaking News

Barui ba intsha maswe dinaleng

14 Jun 2020

Lekgotla la barui ba dikgomo tsa nama kwa kgaolong ya Kweneng ba abetse letlole la setshaba la COVID-19, P7 400, dikgomo di le lesome le bobedi, le dihutshane tse tharo.

Dimpho tse di amogetswe ke tona wa lephata la Temo Thuo le Tlhabololo Dijo, Dr Edwin Dikoloti ka Labotlhano, go di rolela tona kwa ofising ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Kabo Morwaeng yo e leng leloko la komiti.

Tona Dikoloti a re mpho ya barui ba Mokwena e mo thamisitse pelo ka maikaelelo magolo a yone e le go thusa puso go fepa setshaba se se iphitlhelang se le mo pitlaganong ya ditla morago tse di bakilweng ke COVID-19.

“Ke lebogela go bo le sa emela fela go ipoka ka tse lo nang natso, mme lo lemogile botlhokwa jwa go abela puso, go thusa go tokafatsa seemo sa matshelo a ba ba amilweng ke seemo sa bolwetse,” Dr Dikoloti a tlhalosa.

Dr Dikoloti o gwetlhile Batswana ba bangwe go kopa mowa o montle wa go aba go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe ka bone le go fokoletsa puso pitlagano e e iphitlhelang e le mo go yone ka ntlha ya go amega ga itsholelo ya lefatshe.

Tona Morwaeng, yo le ene a neng a le teng o akgotse ba ba tsweletseng ka go abela letlotle la COVID-19, le mo nakong eno le setseng le kokoantse madi a a fetang P115 million.

“Ke lebogetse thata le go lemoga gore kgaolo ya me le yone fela jaaka dikgaolo tse dingwe, e ikwadisitse go tsenya letsogo mo go tlhomamiseng go tsibogela pitso ya ga Tautona go abela letlole la dithuso la COVID-19,” Tona Morwaeng a tlhalosa.

A re ere ka maiteko a puso go tswa ka mananeo, go tlhabolola matshelo a Batswana a amilwe thata ke seemo sa nako eno, go botlhokwa go lemoga fa Batswana bangwe ba tsweletse ka go tsenya letsogo go fokotsa manokonoko mo itsholelong.

Mo boemong jwa lekgotla la barui ba dikgomo tsa nama ba kgaolo ya Mokwena, modulasetilo, Rre Geoffery Matsila o supile botlhokwa jwa go tsenya letsogo go thusa puso.

Rre Matsila o tlhalositse fa dimpho tseo, e se go thusa kgaolo ya Mokwena, tsholofelo e le gore di solegele molemo Batswana ka kakaretso go ya ka fa ba ba maleba ba tlaa laolang ka teng. Modulasetilo wa khansele ya Mokwena, Rre Motlhophi Leo a solofeditse go netefatsa gore dimpho di dirisiwa ka fa go maleba go kgotsofatsa baabi ba tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Kabo dimpho

Date : 14 Jun 2020