Dirang dipatlisiso ka sethunya - kgosi
11 Jun 2020
Kgosana wa Maubelo, Rre Ebatlang Mmereki, a re go botlhokwa gore baitseanape ba dire dipatlisiso ka sethunya sa Mmadiholo ka go supafala fa se na le dikotla tse di siametseng leruo.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Mmereki o ne a re sethunya se, se se fitlhelwang kwa sekakeng sa Kgalagadi, bagologolo ba ne ba se jesa dipodi gore di a nonofe di bo di ntsha mashi a mantsi.
A re potsanyane e e fulang fa go nang le mmadiholo teng e gola ka pela, mme ebile e itekanetse.
Setlhatshana se, se tumile thata mo baruing ba kgaolo e ba go bolelwang fa ba tswa goo-lowe ba se hudisa leruo la bone ka se bolelwa se humile dikotla tse di nonotshang le go atisa ka dipalo tse di kwa godimo.
“Ke sejo sa dipodi, diphologolo, le dikgomo mme se tlhoga mariga a simologa ka kgwedi ya Motsheganong se bo se nyelela mo mafulong ka kgwedi ya Phatwe,” ga bua kgosana Mmereki.
Sethunya se, se sesweu le lephutshe ka mmala, se kganya thata ka bontsi jwa ditlhare di a bo di setlhafetse ka mariga.
A re sethunya se se santse se le teng mme ga go tshwane le pele ka dilo di fetogile.
Kgosana a re mmadiholo e bonala fa go nang le lecha teng ka se nna sentsi teng bogolo jang thata ka nako ya dipula tse di namagadi.
Se tlhoga fa go leng motlhaba o o sa phatlalang thata.
Rre Mmereki a re baitseanape ba tshwanetse ba se kanoke ba bone gore se ka dirisiwa jang go dira dijo tsa leruo tse di nang le dikotla.
O tlhalositse gape gore baitseanape ba tsa temo thuo ba tshwanetse ba bone gore se ka lemiwa jang ka gore se mosola thata mo leruong.
A re dipatlisiso di tshwanetse tsa dirwa ka setlhatshana se gore go lengwe dintshingwana tsa teng go ntsha maduo a a ko godimo mo leruong.
Morui Rre Ketlhopegile Ntau kwa Tsabong le ene a rurifaditse fa mmadiholo e le mmantswitswidi mo thuong ya leruo bogolo jang mo dipuding.
A re bogologolo fa a fatlhoga o ne a disa dipudi tsa ga rraagwe mme a ithuta setlhare se, a se ela tlhoko gore fela fa go nna mariga se a tlhoga mme ebile se tswa mo dikabeng, ka fa go nang le pane teng.
Rre Ntau, wa dingwaga tse masome a matlhano le boferabongwe o tlhalositse gore setlhatshana se, sena le letswainyana, mme dipodi fa di se ja di nna le mashi a mantsi.
Ntswa go ntse jalo, mashi a podi e e fulang mmadiholo a nna le tatsonyana ya letswai e e monate.
O gateletse mafoko a ga Rre Mmereki, le ene a re dipodi fa di jele mmadiholo di a nona mme ebile ga di gatelelwe ke leuba le gone gore dipotsanyane di a nonofa.
A re se bonwa thata fa pula e ne e nele thata, mme se tswa nako e nngwefela le leungo la naga la kgengwe. A tlatsa ka gore fa dipudi di ja mmadiholo le kgengwe di a tia.
A re diphologolo tsa naga di tshwana le ditshephe le tsone di rata go fula mmadiholo ka di dupa ka phefo di bo di mo latela.
A tlhalosa gore ke setlhatshana se se ka dirisiwang go dira dijo tsa leruo mme ebile fa podi e anyisa mafatlha a dipotsane e dira jalo e sa sokole ka gore e ntsha mashi a mantsi e bo e di alosa di nonofile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 11 Jun 2020