Ba Kgalagadi ba bone thobo e e nametsang
11 Jun 2020
Moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Rre Koorapetse Modise, a re balemi ba Kgalagadi ba bonye dipoelo tse di botoka ka ba bonye thobo e e nametsang ngwaga o.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA kwa Tsabong bosheng, Rre Modise, a re balemi ba Kgalagadi Borwa ba le makgolo a mabedi masome a ferabobedi le bongwe (281) ba lemile ditema di le makgolo a supa, masome a mabedi le boferabongwe (729).
A re ntswa mogare wa corona o amile batho ka bontsi ka ditsela tse di farologanyeng, seemo se se sologetse balemi molemo ka ba kgonne go rekisetsa puso thobo go namola ba ba neng ba babaletswe ke manokonoko a a neng ya tlhotlhelediwa ke kiletso-mesepele.
Dingwe tsa dijo tse ba dirileng madi ka tsone di akaretsa magapu, marotse, mmidi, dinawa, merogo le tse dingwe jaaka mae le dikoko.
A re puso e rekile thobo ya P1 351 924 mo baleming ba kgaolo ya Kgalagadi yotlhe.
Molemi wa masimo a Werda, Rre Jacob Matebesi, o akgoletse puso go bo e ne e ba eme nokeng mo nakong ya kiletso-mesepele ka go reka dijo tsa bone mo masimong go namola batho ba ba neng ba babaletswe ke seemo sa COVID-19.
O tlhalositse fa temo-thuo e supile fa e le konokono ebile e ka tshegetsa lefatshe fa mehama e e ikaegileng ka yone e ka amiwa ke mabaka a a farologanyeng jaaka go supagetse ka segajaja sa corona se se apesitseng mafatshe kobo ka letshoba.
Rre Matebesi o boletse fa a simolotse go lema ka ngwaga wa 2009 mme a rekisetsa puso mo dikoleng go fitlhelela mo nakong ya gompieno. A re gantsi o lema dijo di akaretsa magapu, mmidi, dinawa, marotse, makgomane, manoko, lab-lab le mabele tse a supileng fa di dira sentle mo kgaolong le ntswa pula e na ka boutsana.
O tlhalositse fa ngogola pula e nele mo go nametsang selo se a reng se ba kgontshitse go bona thobo e e nametsang. O akgotse puso go ba thusa ka dipeo le menontshane le go ba duelela ditema tse di kwa tlase ga botlhano le digogi ka ba lema temo ya komelelo.
Molemi yoo wa dingwaga tse 63 a re dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone mo seemong sa kiletso mesepele sa COVID-19 ke diji le go tlhoka barobi mo masimong selo se a reng se ba buseditse kwa morago mo thobong ka ba tla felela ba fetsa ka kgwedi ya Phatwe go na le go fetsa kgwedi ya Phukwi jaaka gale.
Rre Matebesi a re ntswa puso e ba rotloetsa thata mo temong kgwetlho e nngwe ke gore ga gona kwa ba rekisang thobo ya bone teng ka ba ise ba nne mo seemong sa go ikopanya ba le setlhopha go rekisetsa BAMB ka e batla dijo tse di ntsi go na le go rekisa ka bongwe ka bongwe.
O ne a rotloetsa balemi ba kgaolo eo go inaakanya le temo go thusa puso go itepatepanya le seemo sa tlhaelo ya dijo tse di tswang mo masimong mo lefatsheng leno ka bophara go tswa mo go ikaegeng ka go reka kwa mafatsheng a mangwe bogolo jang la Aferika Borwa.
Molemi wa Hukuntsi Mme Gomolemo Kalati le ene o lebogetse puso go bo e ne e ba fa thotloetso mo nakong ee thata ya kiletso mesepele go fokotsa kanamo ya mogare wa corona.
O ne a lemile mmidi, marotse le dinawa tse a supileng fa di dira sentle thata mo kgaolong eo ka di sa tlhoke metsi a mantsi thata, a bolela fa a rekiseditse puso tse tlhano mme a sa ntse a tsweletse ka go photha.
Molemi yo a supa fa madi a a dirileng mo nakong ya COVID-19 a nametsa fa a tshwantshanngwa le ngwaga tse dingwe ka a ne a rekisa fela kwa ditoropong mme go ne go mo turela ka lebaka la sepalamo.
Mme Kalati o akgoletse balemisi mo kgaolong eo ka dikgakololo le dithuto tse ba neng ba di ba neela ka nako ya temo ka di ba thusitse go tlhokomela ba itepatepantse le diji tse di neng di ba tlhokisa boroko go le pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Werda
Event : Potsolotso
Date : 11 Jun 2020