Khansele e thapa ba COVID-19 Scorpions
10 Jun 2020
Mogolwane wa tsa tikologo kwa khanseleng potlana ya Serowe, Mme Boammaaruri Letebele, a re badiri ba Covid-19 Scorpions ba tlaa rurifatsa gore melawana e e beilweng ya itshireletso kgatlhanong le COVID-19 e salwa morago.
O buile se Seetebosigo a robabongwe kwa Serowe fa go rutuntshiwa badiri ba COVID-19 Scorpions ba le 162 ba ba sa tswang go thapiwa.
A re ba tlaa bo ba tsholetsa le go rotloetsa itshireletso mo metseng ya kgaolo potlana ya Serowe ka go farologana.
Mme Letebele a re badiri bao ba tlaa bo ba thusa ka go tsibosa badiri, baithuti le setshaba ka kakaretso ka mokgwa o o letlelesegang wa go itshwara le go thusa ka kitsiso tse di tlhokafalang go itshireletsa kgatlhanong le bolwetsi jwa COVID-19.
A re ba Covid-19 Scorpions ba tlaa bo ba kanoka mafelo ka go farologana go rurifatsa gore ditsetlana tsa itshireletso kgatlhanong le COVID-19 di salwa morago.
Ka jalo a re fa ba tsweletse jalo ba tlaa bo ba kanoka dikole, madirelo, dikereke le ba ba direlang mo mekgwatheng gore a ba setse itshireletso ya mogare wa corona morago .
O ne a rotloetsa badiri bao go fa pego ya se ba se dirileng ba tsentse dintlha tse di tlhokwang ke baeteledipele ba kwa ba direlang teng.
Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Serowe Rre Modisane Moletsane o ne a kopa ba COVID-19 Scorpions go dira ka botswapelo go thusa go lwantsha segajaja sa COVID-19.
O ne gape a ba gakolola gore ba itshware sentle kwa mafelong a ba tlaa a bong ba direla kwa go one mme ba obamele melawana ya tiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Thutuntsho
Date : 10 Jun 2020