Breaking News

Makhanselara ba ngongorega ka di tsaya mogote

10 Jun 2020

Makhanselara a kgaolo potlana ya Serowe ga ba itumelele ditlhatlhoba mogote dingwe tse di dirisiwang ke marekisetso mangwe.

Ba buile se mo phuthegong ya khansele kwa Serowe bosheng, ba supa fa di-tsaya mogote dingwe di sa tsee sentle di fetola megote e e tserweng mo nakong e khutshwane.

Makhanselara ba boletse gape gore di-tsaya mogote di dirisiwa ke badisa dithoto fa kgorong ba go belaelwang ba sa itse sepe ka go tsaya mogote.

Ba re tiro e e tshwanetswe ke go dirwa ke badiri ba lephata la botsogo le ipabalelo (SHE) ba ba tlhaloganyang ka tsa botsogo. Ba re le tsone didirisiwa tsa teng go lebega e se tsa boleng.

Ba boletse gape fa go sa nna sentle ka gore bareki ba tlhape diatla ba tsena mme ga ba tswa ba sena go tamuka dilwana mo teng ba tswa fela ba sa tlhape, selo se se ka nnang borai mo matshelong a batho.

Mokhanselara wa Mogatsapoo Rre Vuyo Yane, o boletse fa mo dipalamong tsa setshaba go sena ditsaya-mogote mme ba pega batho motshegare otlhe ba tsamaya mafelo ka bontsi.

Rre Yane a re bontsi jwa marekisetso ga a sale melawana ya COVID-19 e ba gakolotsweng ke ba botsogo gore e sa salwe morago.

Mokhanselara Atamelang Thaga wa Serowe o ne a re go thata gore bana ba ba nnye ba dirise dithiba melomo le nko ka ba sa itse molemo le bosula ka bolwetse.

Makhanselara ba boletse gape fa maranyane a bolela fa dithiba melomo le dinko di le borai fa o di apara nako e telele ka gore di tima motho phefo mo bangwe ba helelang ba idibala. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 10 Jun 2020