Breaking News

Brooks o abela ba batlhoki

09 Jun 2020

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, o abetse malwapa a le mararo dijo, melora le dikobo kwa Logaganeng, Khuis le Gakhibana.

Fa a abela  Mme Mmakgosi Gabolekane bosheng kwa Logaganeng dimpho tse a neng a di rulagantse le ba ofisi ya gagwe, a re maikaelelo ke go thusa malwapa a a nang le letlhoko le le tseneletseng go supa fa ofisi e ba eme nokeng. 

A re go ba abela ke go ba lemotsha fa ofisi e bona diemo tse di thata tsa lehuma tse ba di raletseng mme a ba kopa gore ba nne ka tsholofelo mme e bile ba ikanye mananeo a puso go ba ntsha mo lehumeng.

A re kabo dimpho eo ke tsela nngwe ya go supa bopelotlhomogi le go bontsha banni fa ba lemoga mathata a bone. 

Kwa Khuis ba abetse lapa loora Itaoleng le le neng la latlhegelwa ke ngwana wa mosetsanyana yo o dingwaga tse di masome mabedi le bongwe ka nako ya pelegi. Mopalamente Brooks a re go botlhokwa go tlhola lesea leo ka dinako tsotlhe.

A re ngwana yoo ga a a salela ba lolwapa loo fela, mme o saletse botlhe.

O abetse losea loo metseto, mashi a bana, melora le dijo.

Rre Brooks o gateletse gore, gore ngwana a nne le boikarabelo le seriti mo setshabeng ga se maikarabelo a batsadi fela ke a mongwe le mongwe le ba ba mo dikologileng tota. Ka jalo ofisi ya ga mopalamente e tlaa tswelelela e ba eme nokeng go bona gore ngwana yoo o gola sentle.

Fa a tswa la gagwe nkukuagwe losea leo mme Magdalene Itaoleng a re go tlhokafalelwa ke morwadie yo a neng a sa lwale ka nako ya pelegi mo diatleng tsa ba botsogo go apesitse lelwapa leo kutlobotlhoko. 

E re le ntswa go ntse jalo, o lebogetse ba ofisi ya ga mopalamente go gopola ngwana yoo ka go mo tsisetsa dimpho tse a reng di tsile ka nako e e maleba mme di tlaa thusa ba lelwapa go tlamela lesea leo le le ka fa tlase ga kgwedi tse thataro.

Kwa Gakhibana ofisi eo e abetse lolwapa lwa ga Rre Pono Tumaeletse dijo. Lelwapa leo le nna ka fa tlase ga bojang morago ga go welwa ke ntlo ka nako ya setsuatsue sa Dineo dingwaga tse pedi tse di fetileng.

Rre Brooks a re ba khansele-potlana ya Kgalagadi Borwa ba itse ka seemo seo mme go botlhokwa gore ba se potlakele go bona gore banni ba tlamelwa ka bonno. 

A re go tlhoka ntlo go diga seriti kana boleng jwa motho, ka jalo seemo seo se tshwanetse go emelwa ka dinao go bona gore lelwapa leo le a tlamelwa.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo mo Gakhibana Mme Bothoboile Mosarwe o iteetse ba ofisi ya ga mopalamente legofi. 

A re ba lemogile fa bonno jwa ga Rre  Tumaeletse bo sena seriti mme jaanong ka go tlhoka dithata e le komiti ba retelelwa ke go mo thusa.

O tlhalositse gore go tla ga ga Mopalamente Brooks go tiisa tsholofelo mme e bile go tsisa monyenyo ka jaana a tlaa rotloetsa a bo a  thusa ka megopolo gore ba lelwapa leo ba agelwe.

Rre Brooks a re go a tshwenya gore go bo go tsere lobaka lo lo leele gore lelwapa leo le thusiwe. 

A re lolwapa loo lo ne lo tshwanetse lwa thusiwa ka e ne e le seemo sa tshoganyetso. 

A re mogwaafatshe oo o diga seriti sa motho le sa lefatshe,  ka jalo go botlhokwa gore go baakanngwe seemo seo ka potlako. 

A re seo se mo gwetlha gore go engwe ka diano go bona gore monni yoo o ka thusiwa jang.

Mo go tse dingwe, Mopalamente Brooks o ne a tlhotlhoma le dikole dingwe tsa kgaolo eo go lekola ka fa ba dirang ka teng go diragatsa melao e e itsang kanamo ya mogare wa corona o o apesitseng lefatshe lotlhe kobo ka letshoba.

O ne a ba lekola go bona gore baithuthi le barurabana ba babalesegile go le kae morago ga gore dikole di bulwe bosheng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Logaganeng

Event : Kabo Dimpho

Date : 09 Jun 2020