Breaking News

Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa petelelo

09 Jun 2020

Mapodisi a Maun a mo patlong ya monna mongwe yo go belaelwang a itseetse dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di lesome le bosupa.

Mo potsolotsong, mogolwane wa sepodisi, Superintendent Chenamo Orateng o tlhalositse fa mosetsana yoo a supile fa a ne a etetse mokapelo wa gagwe kwa kgotleng ya Botshabelo fa a tlaa kopana le monna yoo Seetebosigo a tlhola ga tlhano.

A re mosetsana yoo o tlhalositse fa a ne a tsamaya mo tseleng bosigo morago ga nako ya boferabongwe fa monna yoo a mo gogela mo sekgweng a bo a itseela dikobo ka dikgoka.

Supt. Orateng a re le fa go ntse jalo, le mokapelo wa gagwe o ka bonwa molato fa go ka fitlhelwa ba kile ba tlhakanela dikobo ka jaana mosetsana yoo a le dingwaga tse di sa mo letleng go ratana.

O ne gape a gakolola bana ba basetsana go ikgapha mo maratong fa ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 09 Jun 2020