Makwinja o wetsa leeto la dikole tsa Palapye
09 Jun 2020
Mothusa tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nnaniki Makwinja, o akgotse bogogi jwa Palapye ga mmogo le bodiredi go bo ba dirile ka natla go netefatsa gore tsotlhe di apare tshiamo pele ga dikole di bulwa Seetebosigo a le 16.
O buile jaana Seetebosigo a le borobabobedi fa a wetsa leeto la letsatsi le le lengwe go lekola dikole kwa Palapye.
Mme Makwinja yo e leng mopalamente wa Lentweletau/Mmopane o ne a supa fa morutabana a le botlhokwa mo matshelong a mongwe le mongwe, a re fa morutabana a seyo go kabo go sena epe kitso e e teng mo nakong eno.
Mme Makwinja o ne a akgola makalana a thuto, khansele, molaodi le puso go bo ba kgonne go tshwaraganela ditlamelo tsotlhe tsa puso ka tsela e e faphegileng gore go kgonwe go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.
A re tshwaragano eo e supa gore go dira ba le seopo sengwe ka maikaelelo a go tlhabolola ngwana go na le maduo.
A re makgotla a batsadi le barutabana a botlhokwa le one mo nakong e e thata e, ka ba sa ipone tsapa go inaakanya le tse di tlhokwang ke dikole.
Mothusa tona a re mo nakong eno barutabana ba dira ba le magoboka ka go sena tiro epe e ba sa e direng go tlamela ngwana mo dikoleng tsa bone.
A re dikole di ithutile go le gontsi ka botlhokwa jwa bophepa jwa bana jaaka go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa.
Bontsi jwa dikole tsa Palapye go bonala di le malala a laotswe go ipaakanyetsa seemo se ka go kgaoganya bana gabedi bangwe ba tsene mo mosong fa bangwe ba tlaa tsena mo tshokologong.
Mogokgo wa Palapye Junior Rre Thatayaone Kefilwe o ne a tlhalosa fa ba kgonne go gokela metsi mo ditankeng tsa metsi di fera bobedi le go a tsenya dithuthafatsi tsa motlakase tanka nngwe le nngwe.
Lephata la thuto kwa Palapye le kgonne go thapa batlhokomedi ba tsa botsogo mo dikoleng tsotlhe le fa ba sa lekana, le ba Ipelegeng ba thapilwe go thusa go phepafatsa dikole go lwantsha mogare.
Mogolwane mo lephateng la Thuto go tswa Moding Mme Wanani Gunda o ne a supa fa gape ba dirile dikopo tsa go ka rekelwa matlwana a nama o sa tshwere go oketsa matlo a burutelo.
Fa a leboga moplamente wa Palapye Rre Onnetse Ramogapi o ne a akgola leeto la ga mothusa tona a re le tsile ka nako e e botlhokwa, segolo jang mo kgaolong ya gagwe e e lebanweng ke tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana le a borutelo mo dikoleng ka bontsi.
Mopalamente o ne gape a re tirisanyo mmogo le tekodiso ya nako le nako ke bogogi jwa Palapye e ne ya mo tiisa moko.
Rre Ramogapi a supa fa tsotlhe di dirilwe ka thelelelo, boineelo le bonatla go dirisiwa ditlhaloganyo, mme a re go santse go tlhaela ka kgaolo ya gagwe e tlhaelelwa ke madi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Phetso ya Loeto
Date : 09 Jun 2020