Breaking News

Kgwebo ya merogo e na le dipoelo

08 Jun 2020

Molemi wa merogo kwa Pitsane, Rre Goitsemodimo Motshola, a re kgwebo ya merogo e na le dipoelo, ka jalo go le botlhokwa go rotloetsa bagwebi ba babotlana ka ba ka thusa lefatshe leno go ntsha merogo e e ka jesang Batswana le go thapa ba babangwe.

Mo potsolotsong le BOPA ka Matlhatso, molemi yo, yo o  simolotseng  go lema merogo ka 2014 mo lwapeng, a re ntswa letlhoko la metsi le mo aparetse ga a ise a nne maoto a tshupa go tswelela a dira madi.

Ka go lemoga kgwetlho e, o ne a tla ka maano a go ga metsi kwa tamong letsatsi le letsatsi a dirisa kiriba.

A tlhalosa fa a dumela gore nako nngwe o tlaa nna le tshimo go lema mo go golwane.

Rre Motshola a re mo bogompienong o dira  P500 ka letsatsi, selo se a reng se mo rotloetsa go tswa ka methale e mentsi ya go oketsa letseno.

A re dipoelo tse di mo thusa go lwantsha leuba le go tshegetsa lelwapa.

O tlhalosa fa a itshimoloseditse kgwebo a sa thusiwa ka lenaneo lepe, a re keletso ya gagwe ke go bona le ene a gatetse pele jaaka balemi ba bangwe, a na le ditanka tse di tona tsa metsi le mathombo a a ka mo thusang go nosetsa.

Molemi yo a kaya fa toro ya gagwe e le go nna molemi wa popota.

A re ka jalo o ne a rwala ditlhako a ya kwa diofising tsa ba nyeletso lehuma gore ba mo thuse go atolosa kgwebo e e setseng e gatetse pele.

O tlhalositse fa a ithutile temo e mo go ntsalae ka a ne a mo thusa mo tshimong ya merogo.

Rre Motshola a re o ne a lemoga fa go itirela go ka mo dira mogwebi yo o nonofileng mme a itshimololela dingwaga tse tlhano tse di fitileng.

O kaile fa botswerere jwa gagwe gape bo bonala mo go lemeng ditamati, ditholwana, kwii le tse dingwe.

Toro ya gagwe ke  go rekisetsa mabenkele a matona isago.

O kaya gore o tlaa tswelela ka go bereka ka natla, mme e bile a na le tumelo ya gore fa a ka bona dithuso toro ya gagwe ya go jesa Batswana merogo e e nang le dikotla e tlaa diragala.

O tlhalositse gore o itemogetse gore go botlhokwa gore balemi ba babotlana ba nne le seabe mo go jeseng Batswana.

A re se se ka thusa bagwebi ba babotana go gola.

Rre Motshola a re keletso ya gagwe ke go bona ba rotloediwa ka go fiwa ditshimo tse dikgolwane le go re ba kgone go batlelwa mmaraka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Pitsane

Event : Potsoloso

Date : 08 Jun 2020