BUIST ba abela khansele- potlana
07 Jun 2020
Sekole sa BUIST go kwa Palapye se abetse khansele-potlana ya Letlhakeng melora e e tlhatswang dijana le e e tlhapang e le sekete le makgolo a matlhano ka Labotlhano.
E rile a amogela dimpho tseo molaodi wa khansele-potlana ya Letlhakeng Mme Ikgopoleng Lekoape a supa fa e le nako e ntle e Batswana ba tshwanetseng go ikamogela gore ba na le bokgoni ka yone, a supa fa go itumedisa gore melora e e bo e dirwa mo Botswana.
O kopile Batswana go rotloetsana le go nna le mogopolo wa gore ba isa Botswana kae, a supa gore go ne go itshupa gore ba tshwanetse go itirela, a supa gore bosheng jaana fa Batswana ba ne ba tshwanetse go phakisiwa dijo, go ne go na le tlhaeleo ya phaletshe le ntswa Batswana ba na le masimo a mantsi.
O kopile Batswana go dirisa masimo go lema le go itirela dijo tse di ka thusang lefatshe leno ba sa ikaega ka mafatshe a sele.
E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa BUIST Rre Keoagile Rafifing o ne a supa fa e rile Tautona Mokgweetsi Masisi a tlhaba mokgosi wa segajaja se se wetseng lefatshe, ba ne ba tswa ka megopolo e mentsi mongwe wa yone e le go dira melora e e tlhapang le e e tlhatswang dijana.
Rre Rafifing o tlhalosiste fa mo nakong eno ba botsogo ba rotloetsa thata go tlhapa diatla, mme ba ne ba ntse ba dira dipatlisiso tsa go dira melora e e tlhatswang dijana ba tshwaraganye le ba lekgotla la LEA.
O tlhalositse fa ba ne ba afa komiti ya COVID-19 melora e e metsi e le 6 000 le e tlhapang e le 3 000.
A re nako e tsile gore ba lese go leba mafatshe a sele go ba fa ditlamelo mme ba itirele mo gae le go tlhamela banana ditiro.
O supile fa melora e e tlhapang ba e dira ka mafura a kgomo.
Rre Rafifing o supile fa gape ba boloka megopolo e Batswana ba tlang ka yone, gore e tle e ba solegele molemo kamoso.
Mogolwane wa ofisi ya LEA kwa Molepolole Rre Joseph Lennwe o supile fa botsipa jwa go dira melora bo tswa kwa go bone, a supa fa ba ruta go dira dilo tse di farologanyeng jaaka go dira dipekere, metsi a a tlhatswiwang le mabotlele a one, go suga matlalo, go lema merogo go dirisiwa maranyane a segompieno le tse dingwe.
O supile fa ba na le metshine e e rutang batho se ba eletsang go se dira, a supa fa melora e e tsile ka nako e e siameng ka e tlaa thusa go lwantsha segajaja sa mogare wa corona.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Anderson Mathibe o ne a leboga BUIST a supa fa ba tsile mo kgaolong e e nang le lehuma le le tseneletseng mme e na le mahumo a tlholego.
O kopile LEA go tla go dira thuto-puiosanyo mo kgaolong e, gore ba rute banni gore ba ka ithusa jang ka ditsa tlholego tse di bonwang mo kgaolong ya bone jaaka mahupu, morama, tee ya motlopi le tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Jun 2020