Batswana ba ba nnang kwa UK ba abela bana-le-bogole
07 Jun 2020
Batswana bangwe ba ba nnang kwa United Kindom ba ikopane le ba komiti ya Covid-19 ba abetse Batswana ba ba tshelang ka bogole dijo le tse dingwe tse di tlhokafalang kwa Bokaa le Dikgonnye.
Fa a amogela dimpho, Kgosi Sue Mosinyi a re ba lebogela mephuthelwana e, mme o solofetsa fa e tlaa goroga kwa go ba e ba lebaneng.
A re dimpho tse, di tlaa thusa gore e re fa banni ba itswaletse mo malwapeng go iphemela mo mogareng wa Covid-19 go bo go na le se ba se jang.
Fa a rola dimpho tseo Seetebosigo a tlhola ga tlhano kwa kgotleng ya Bokaa, morongwa wa komiti Rre Aubrey Woki a re ba tlhophile ba-na-le bogole ka gore ke bone ba ba tshabelelwang ke go tseelwa kwa tlase gape ba sena ditlamelo sentle.
A re dimpho tse, ke go tlaleletsa fa puso e emeng teng ka dithuso.
A re ba lebogela tirisanyo mmogo e ntle ya komiti ya Covid-19 ya Bokaa mme e bile ba solofela fa dimpho tseo di tlaa amogelwa ka lorato le boitumelo.
Fa a bala molaetsa wa tsholofelo go tswa kwa baabing ba dimpho, a re molaetsa mogolo ke gore dimpho tse di ajwa ka tlotlo le tlhompho kwa malwapeng a le masome a supa le borataro.
O boletse fa dimpho di le masome a le matlhano le borataro di tlaa abelwa banni ba Bokaa fa di le masome mabedi di tlaa abelwa banni ba Dikgonnye.
A re ba dumela fa ba-na-le bogole ba na le ditshwanelo fela jaaka motho mongwe le mongwe mo Botswana le lefatshe ka bophara e bile ba tshwanelwa ke go anywa itsholelo le ditlamelo tsa lefatshe.
A re ke ka moo ba itlamang go thusa puso fa ba ka kgonang teng.
A re ba rotloetsa ba-na-le bogole gore ba nne ba tshwere ka thata gape ba le pelo telele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : Mochudi
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Jun 2020