Breaking News

Monana wa Tutume o abetse mogodi dimpho

07 Jun 2020

Kgosi Morgan Kenalemong wa kgotla ya Timbi mo Tutume o akgoletse monana wa Tutume, Rre Wachila Khani tiro e ntle e a e direlang setshaba.

Kgosi Kenalemong o ntshitse kakgolo eo ka nako ya fa Rre Khani a ne a abela Mme Noyi Mashagwa wa dingwaga tse di lekgolo le lesome le motso dijo, melora le kobo kwa Tutume bosheng.

A re monana yoo, o itshupile fa a na le boikarabelo mo setshabeng, ka o nna a tsenya letsogo go thusa batho ka banni ba motse ba bua ba sa kgale mathe ka dithuso tse ba di akolang mo go ene nako tsotlhe. 

O ne a mo opela legofi a re o botlhale, e bile o ka tlhabololola motse, ka o kgonne go lemoga fa bagodi ba le botlhokwa mo setshabeng. 

A re go le gantsi fa motho a godile ga gona batho ba ba mo  gopolang.

O ne a gatelela ka gore Mme Mashagwa o lesego mo botshelong ka monana o kgonne go mo lemoga.  

O ne a gwetlha banana ba bangwe go tsaya malebela mo go Rre Khani go thusa fa ba ka kgonang teng.

Rre Khani, yo e leng mookamedi wa madirelo a Dominic Studio kwa Tutume, o ne a bolela fa a ne a rekela mosadimogolo kuku ya matsalongogola fa a ne a digela dingwaga tse di lekgolo le lesome le bongwe, mme ya re gompieno a bona se a neng a se dirile se ne se sa lekana, a  felela a reka dijo le kobo tse di lopileng P1 500.

A re o ne a bona go tshwanela go tsaya kamogelo ya gagwe ya kgwedi go rekela mosadimogolo dimpho.

O boletse gore ka Setswana se re ‘moeng goroga dijo di bonale’ o ne a bona go tshwanela gore a tsamae a tshwere sengwe go ya go dumedisa mosadimogolo. Ends

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Kabo dimpho

Date : 07 Jun 2020