Ofisi e abela mekgatlho ya bopelotlhomogi
04 Jun 2020
Ofisi ya mopalamente ya kgaolo ya Kgalagadi Bokone e abile dikobo di le masome a fera bobedi le bongwe go thusa mekgatlho e le meraro ya bopelotlhomogi le magosi gammogo le magosana a Hukuntsi.
Fa a rola dimpho tseo, ka Laboraro mo kgotleng ya Hukuntsi, mopalamente wa kgaolo Mme Talitha Monnakgotla, o ne a akgola mekgatlho ya He-Tshubago, Shegotjamolelo, le Katshalehulo go bo e ntshitse tlhogo mo kgaolong ka go thusa puso ka tsa matshelo a selegae, segolo bogolo ba itebagantse le go thusa ba ba dikobo dikhutshwane mo kgaolong.
O ne a ba rotloetsa go tlhomamisa gore ba kwadisa mekgatlho ya bone ka fa tshwanelong gore ba kgone go lemogwa.
A re seo se ka ba kgontsha go bona dithuso go tswa kwa pusong le mehama e mengwe e e ikemetseng.
Mme Monnakgotla o ne a rotloetsa borre go intsha kwa morago, ka go nna maloko a mekgatlho eo, ka jaana a re dipalo tsa bone di santse di le boutsana, fa bontsi jwa maloko e santse e le bomme.
A re go oketsega ga dipalo tsa borre go ka thusa mo go logeng megopolo e e sa patikeng ope, ka jaana ditshwetso di tlaa bo di tsewa go lebilwe matlhakore otlhe.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Kebaneilwe Mmesetse, o ne a akgola mopalamente ka go kgathala ka matshelo a banni ba kgaolo, segolo bogolo ba ba dikobo dikhutshwane.
Mme Mmesetse a re go ka nna molemo gore baeteledipele ba nne le leitlho la go lemoga dikgwetlho tse banni ba tshelelang mo go tsone, mme ba leke go tla ka ditharabololo tse ka tsone ba ka lekang go tokafatsa diemo tsa bone go nna tse di itumedisang.
O ne a tlatsa ka go rotloetsa boeteledipele jwa kgaolo gammogo le yone mekgatlho go tshwaragana gore ba kgone go thusa setshaba se ba se eteletseng pele le gone go rudisa mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Merapelo Tshweneyagae o ne a iteela ba ofisi ya mopalamente legofi gore ba kgonne go otlolola seatla ka nako e e maleba ya mariga go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re dimpho tseo, di tlaa thusa go sireletsa batho mo serameng gammogo le go tila go tsenwa ke malwetse a a bakwang ke serame.
Fa a leboga, mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Rre Kerapetse Jane, o ne a rotloetsa mopalamente go tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi ka go atolosetsa dithuso kwa go ba bangwe.
O ne a tlatsa ka go rotloetsa setshaba ka kakaretso go nna le mowa wa bopelotlhomogi, ka go lemoga ba ba tlhokileng lesego mo botshelong mo dikgaolong ka go farologana gore matshelo a bone a tokafale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : KABO DIMPHO
Date : 04 Jun 2020