Tiro ya booki ga se go bonwa mo kokelong fela
04 Jun 2020
Mooki wa kokelo ya Sekgoma mo Serowe Mme Mavis Molefe a re tiro ya baoki ga e a remelela mo go thuseng balwetse kwa dikokelong fela mme e akaretsa tse di farologaneng.
Fa a bua kwa tirong ya go rola semmuso dikotlele tse di tlhapelang diatla tse di lopileng P12 000 kwa sekoleng sa Newtown mo Serowe ka Laboraro, Mme Molefe a re baoki ba dira ditiro tse dintsi le gone go netefatsa gore batho ba tshelela mo tikologong e e phepa gore malwetse a seka a ba ama.
Ka jalo a re ke ka moo ba neng ba bona go tshwanela gore ba abele dikole tse dipotlana di le tharo dikotlele tse di tlhapelang diatla go rurifatsa gore baithuti ba nna phepa ka dinako tsotlhe mo diatleng gore ba sireletsege mo segajajeng sa Covid-19.
Baoki bao ba abetse dikole tsa Newtown, Motetshwane le sa Mmashoro.
Mme Molefe a re ba ne ba tswa ka kakanyo ya go abela dikole tseo pele ga go nna le bolwetse jwa Covid-19 mme ba ntsha madi go tswa mo dipateng tsa bone go reka ba bo ba tsenya dikotlele tseo.
A re ba tlhophile dikole tse tharo tseo ba lebile botlhoki jwa tsone mme kwa Newtown palo ya baithuti e ntsi, ka jalo ba ne ba tlhokana le go okelediwa fa ba tlhapelang diatla teng.
O boletse fa kwa Motetshwane go tsena baithuti ba ba-na-le bogole, ka jalo le bone ba tshwanetse ba tsibogelwa.
Baoki ba Serowe DHMT ba ne gape ba aba ditshipi tse di tshegetsang molora o o tlhapang diatla.
Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding Rre Basil Gasemotse o ne a akgola baoki ba Serowe DHMT go bo ba ne ba akanya gore ba ka direla lefatshe eng mme ba seka ba isa kwa pele kgang ya gore lefatshe le tlaa ba direla eng.
Rre Gasemotse o ne a re dikotlele tse di tlhapelang diatla tseo, ke tsa maemo a a kwa godimo mme sekole se tlaa roba go le gontsi mo go tsone.
O ne a akgolela baoki bao go bo ba sa aba dikotlele tseo fela mme ba ne ba ruta baithuti go tlhapa diatla le go ba fa thuto ka bolwetse jwa Covid-19.
O ne a kopa badiri ba Newtown go tlhokomela dikotlele tseo gore di seka senyega ka bonako.
Mopalamente wa Serowe Bokone Rre Baratiwa Mathoothe o ne a lebogela dimpho tseo a bolela fa di tsile mo nakong e e siameng e go lwantshiwang segajaja sa Covid-19 ka go tlhapa diatla ka metsi le molora.
O ne a leboga baoki go bo ba ne ba tshwere ka natla ka nako ya melao e e gagametseng ya kiletso mesepele mme e bile ba ntse ba tsweletse ka go thusa setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Tholo semmuso
Date : 04 Jun 2020