Ba ngongoregela dinako
04 Jun 2020
Bagwebi ba marekisetso a bojalwa mo Tsabong ba lela ka dinako tsa go bulwa le go tswala ga dibara le ba marekisetso a matona a bojalwa a ba rekang mo go one, ba supa fa seo se ba baya ka fa mosing ka ba tla seke ba dire dipoelo.
Dingongorego tse di tla morago ga gore puso e letlelele gape go bulwa ga marekisetso a bojalwa go simolola ka Laboraro Seetebosigo a tlhola gararo morago ga go tsaya tshwetso ya go tswala madirelo otlhe a bojalwa go kganela kanamo ya bolwetse jwa COVID1-19.
Mo puisanong le BOPA mongwe wa marekisetso a Stratton Oakmont, Mme Tselele Tsheleku o tlhalositse fa ba ngongorega ka malatsi le dinako tse di beilweng ke puso kgatlhanong le go laola kanamo ya mogare wa corona tsa go bula dibara go simolola ka nako ya lesome mo mosong, mme go tswalwe ka nako ya borataro maitseboa.
O bile a ngongorega ka phokotsego ya malatsi a go gweba ka bojalwa mo bekeng bosheng.
Mogwebi yoo o supile fa seo se ba kgoba marapo ka bareki ba tlaa felela ba reka kwa madirelong a matona ka ditlhwatlhwa di le kwa tlase.
O ne a supa fa gape seo se tsosa tlhoka-kutlwisisanyo magareng ga bone le bahiri ka ba tlaa palelwa ke go ba duela madi a phiriso ka bontsi jwa bone dikago e se tsa bone.
Mme Tsheleku o kopile puso go sekaseka molao oo gape ka go busetsa dinako tse di neng di dirisiwa pele ga bolwetse jwa COVID-19 gore di seka tsa tshwana, bogolo dibara ba bule le go tswala pele jaaka go ne go ntse go le pele le gone go bula malatsi a beke otlhe ka ba ka nna le sebaka sa go rekelwa botoka.
Mongwe wa bagwebi ba bojalwa le dijo, Mme Nkitseng Ditlhabi o ne a iteela kobo moroko mafoko ao a supa fa botshelo pele ga COVID-19 bo ne bo siame ka ba ne ba dira dipoelo tse di botoka, mme jaanong ba lela fela ka dinako tse di tshwanang ka bone jaanong ba tlaa seke ba bone bareki gotlhelele.
Mabapi le molawana wa go reka kwa dibareng go nwela kwa malwapeng, Mme Ditlhabi o supile fa ba o amogela ka diatla tsoo-pedi ka ba akanyetsa gore fa go ntse jalo melawana ya go katologana ka mmithara go ya kwa go e mebedi ga e na go diragadiwa sentle fa ba setse ba itumetse thata.
Mongwe wa bagwebi ba bojalwa kwa Liquorama kwa Sefalana Shoppers Rre Seven Ndeneni o ne a phophoma ka boitumelo a supa fa ba solofetse dipoelo tse di kwa godimo ka ba lekile bojotlhe go reka majalwa a mantsi go netefatsa gore a tsaya lobaka lwa kgwedi e bile gape ba a rekisa ka ditlhwatlhwa tse di ko tlase.
E rile fela ka nako ya lesome mo phatleng banwi ba bojalwa mo Tsabong ba bo ba setse ba tletsetletse le marekisetso a bojalwa ka go farologana go itimola lenyora la bojalwa ba ntse ba nyenya.
Le fa go ntse jalo, marekisetso a dibara le a matona otlhe mo Tsabong ba ne ba dirile maiteko otlhe go tlhomamisa gore ba sala morago melawana yotlhe ya COVID-19 ka go tshwaya go katologana ga batho mo madirelong le gone go tsenya palo e e lekaneng, go baya dikupu tsa metsi a a molora e bile a le bothito, go kwadisa bareki botlhe le gone go dirisa sekapa-mogote le go tlhomamisa gore botlhe ba dirsa dipipa molomo le dinko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Puisanyo
Date : 04 Jun 2020