Breaking News

Mapodisi a Serowe a tshwere monna ka setlhatshana

03 Jun 2020

Mapodisi a Serowe ba tshwere monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro wa kgotla ya Khurumela kwa Palapye ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane le dipakete tsa motsoko.

Go ya ka ramapodisi wa Serowe, Superintendent Poloko Oteng, e ne ya re ka Mosupologo mapodisi ba longwa tsebe ke mongwe gore monna yoo o ka tswa a tshwere dingwe tse di sa letlelesegeng, mme a felela a tshwarwa kwa marekisetsong a setshaba a Serowe.

Superintendent Oteng a re e ne ya re monna yoo a phuruphudiwa, ga fitlhelwa setlhatshana se go belaesegang e le motokwane, se se ka nnang bokete jwa 750 grams le dipakete tsa motsoko wa Chelsea di le masome mane le bobedi.

Superintendent Oteng a re monna yoo o ne a lebisiwa molato wa go rekisa motsoko e se ka fa molaong, mme a dumalana le molato oo, mo a feletseng a duela P3 000.

A re mapodisi ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go rurifatsa gore a setlhatshana se se fitlhetsweng se tshotswe ke rre yoo ke motokwane.

A re fa go ka fitlhelwa setlhare seo e le motokwane monna yoo o tlaa lebisiwa molato.

Mo kgannyeng e nngwe, Supt Oteng a re e ntse e le gone ka Mosupologo, mapodisi ba ne ba amogela boikuelo gore babereki bangwe ba ba neng ba thusa mo dipaakanyong tsa pulo ya dikole  kwa sekoleng se segolwane sa Bakwena Kgari, ba bone sengwe se e kareng nama mo teng ga mesima e e tsamaisang leswe la matlwana a boitiketso kwa matlong a barutabana.

A re e ne ya re mapodisi ba tsena koo, ba lemoga fa sengwe seo e le lesea, mme ba bongaka ba rurifatsa fa le setse le tlhokafetse.

O ne a bolela fa mo nakong eno ba le mo patlong ya mmaagwe lesea leo a ba a ikuela mo setshabeng go ba thusa mo ditlhotlhomisong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 03 Jun 2020