Breaking News

Dinoga le dipeba di apesitse sekole kobo ka letshoba

03 Jun 2020

Bontsi jwa dikole kwa kgaolong-potlana ya Serowe di butse ka Labobedi fa dingwe di rakane le lerwa le fuduga.

E ne ya re ka Labobedi, lekoko la BOPA la tswa letsholo go lekola dipaakanyo kwa dikoleng kwa le fitlhetseng bana ba ba bulang mo lekgamung la ntlha mme ba ya go re palakata! kwa sekoleng sa Makolo kwa kgotleng ya Ramakolo kwa Serowe.

Sekole seo go bolelwa se butswe ka meno a maleele.

Dithuto di ne tsa seka tsa tswelela ga nna gore khuduthamaga ya batsadi le barutabana ba rutane ka tsamaiso ya ipabalelo mo kanamong ya mogare wa corona.

Mo potsolotsong le mogokgo, Mme Dimpho Lefhoko o boletse fa mo sebakeng se dikole di neng di tswetswe, sekole sa bone ka se le fa gare ga sekgwa, ba tlhorontshiwa ke dinoga tse ditona tse dintsho le dipeba tse di hudugetseng mo sekoleng.

A re go lebega fa dinoga tseo di ne di latile dipeba tse di ba jesetsang mo kgobedung kwa ntlong ya boapeelo.

Mme Lefhoko o boletse fa ba ikuetse kwa khanseleng ya legare go thusiwa ka dipeba mme selelo sa bone se se na mogomotsi.

O boletse fa dinoga ba di bona nako le nako, selo se se sa siamelang tulo ya bana ba sekole le eseng, a bolela fa nako le nako ba di bolaya teng mo sekoleng e bile ba bolaya tse dintsho tse di tona tse di lebegang e le mekwepa.

A re e rile bosheng ba fitlhela moitlobo wa noga mo ntlong ya boapeelo, a bolela fa o ne o le moleele go supa fa e le wa noga e kima e telele.

O boletse fa mabati a ntlo ya boapeelo a onetse e bile diphatlha tsa teng go belaelwa gore di letlelela dinoga le dipeba, a bolela fa marulelo le one a le makgasa e bile e le gone kwa dipeba di tsalelang teng.

O boletse fa se se botlhoko gape e le bommamathwane ba ba nnang mo marulelong a matlwana a borutelo.

O boletse fa dinonyane tseo seka-diphologolo di rota di bo di nyelela mo matlwaneng a borutelo mme ditshwang tsa teng di kgaola molebo wa nko.

Mme Lefhoko o boletse gore le fa ba butse ga ba a ipaakanya jsentle.

A re metsi a santse a le tsididi ka gore tanka e e diretsweng ga e thuthafatse sentle e bile e beilwe fa go seloko teng.

Marulelo mangwe a matlwana a borutelo a santse a rutlomolotswe mme go tletse makgerekgetshane fela mo sekoleng.

O boletse fa ba kile ba leka go bitsa batlhatlhobi ba dikole go tla go bona mathata a sekole seo, mme nakokgolo ke eno ga go nko e tswang lemina. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 03 Jun 2020