Magapu le marotse a ija fela
03 Jun 2020
Molemi wa Samedupi gaufi le Maun mo kgaolong ya Ngami, Mme Kesologetse Selo a re o senyegetswe ke thobo ya magapu le marotse ka ntlha ya go tlhoka go rekisa.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Selo o supile fa e rile a tshwanetse go rekisa, puso ya tsaya tshwetso ya kiletso mesepele ka ntata ya bolwetse jwa COVID-19 jo bo bakwang ke mogare wa corona, ka jalo a tlhoka kwa a ka e rekisang teng.
A re se se mo utlwisitseng botlhoko ke go bo a nnile le ditshenyegelo mo temong le go hira batho ba ba tlhagolang gammogo le gone go phutha magapu ao le marotse.
Mme Selo a re o tlhaloganya fa seemo sa bolwetsi jwa COVID-19 se amile batho botlhe mme a re o ikuela mo bagwebing kgotsa barui ba ba ka kgonang go reka marotse le magapu ao gore ba a jese leruo kgotsa go dira bo dijeme gore le ene a kgone go oba letsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : SAMEDUPI
Event : POTSOLOTSO
Date : 03 Jun 2020