Breaking News

Dikgwebo tse di potlana di raletse dikgwetlho

02 Jun 2020

Morago ga go letlelelwa go ka simolola go gweba gape, dikgwebo tse di potlana di itemogetse manokonoko a bolwetse jwa COVID-19.

Dikgwebo tse di potlana di ne tsa emisiwa go gweba go simolola Moranang a tlhola gabedi, fa setshaba seno le ne le tsena mo serubing, mme tsa bulelwa mo kgweding ya

Motsheganong go ka simolola go gweba gape.

Morekisi yo o itshetsang ka go rekisa dijo mo maemelong a dipalamo a toropo ya Selebi Phikwe, Mme Tabona Morgan o buile mo potsolotsong gore ke selelo le khuranyo ya meno ka theko e wetse kwa tlase.

A re pele ga dikgwebo tse di potlana di ema go gweba, theko e ne e le botoka, bogolo jang ka mapalamelo a dikoloi tsa setshaba a nna a tletse batho.

A re gompieno seemo ke se se thata ka gore batho ba santse ba nna thata mo malwapeng, ba tswela kwa ntle fela fa go tlhokega.

Mme Morgan a re le dipalamo tsa setshaba ga di sa tlhole di pega palo e ntsi, ka jalo selo se se bolaile kgwebo ya gagwe.

A re bakgweetsi ba dipagamo tsa sechaba le bone ga ba sa tlhole ba reka jaaka pele, ka jalo o tshabelelwa ke go boela lwapeng ka dijo; mme a felele a sena dipoelo.

Mogwebi yo mongwe, Mme Boingotlo Baakile a re le ene o amilwe ke seemo se, mme go ya go nna thata gore a tlhokomele ba lelwapa la gagwe jaaka pele.

A re thekiso e ne e mo thusa go duelela bana sekole, le go ba rekela tse di tlhokegang kwa sekoleng le mo lwapeng, mme seemo se se phuphamisitse kgwebo ya gagwe.

Mme Baakile o tlhalosa fa a ne a dirisa bontsi jwa madi a a neng a beile go reka dijo, go duela badisa le tse dingwe.

A re fa ba lephata la boipelego ba ba tswa thuso ka dijo, o ne a setse a dirisitse madi a mantsi, a tlhalosa fa tlhwatlhwa ya dijo le yone e ile kwa godimo mo go mmabaletseng thata.

Mogwebi yo mongwe, Rre Jabulani Tommy a re bolwetse jwa COVID-19 bo amile mhama wa dikgwebo tse di potlana thata.

Le fa go ntse jalo, a re go botlhokwa gore le fa ba amegile, ba iphaphe mo go tsenweng ke mogare wa corona.

A re pele ga bareki ba ka reka, o ba tsaya maina a bo a ba tlhapisa matsogo ka metsi le molora, a tlatsa ka go re ga se marekisetso a matona fela a a dirang jalo.

O rotloeditse bagwebi ba bangwe ba ba botlana go diragatsa molao ka dinako tsotlhe gore ba thuse puso gore go seka ga boelwa kwa serubing. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 02 Jun 2020