Breaking News

Molaodi o lela ka maphata

02 Jun 2020

Molaodi wa Francistown, Mme Chabongwa Matseka o supile ngongorego ka go tlhoka tirisanyo mmogo ga maphata mangwe a a direlang mo dikagong tsa Ntshe mo toropong ya Francistown.

Mme Matseka o boletse mo potsolotsong le BOPA bosheng fa maphata a go nna jalo a dira gore thulaganyo ya go tlhola badiri mogote moso mongwe le mongwe fa ba goroga kwa tirong jaaka e le taolo ya ba lephata la botsogo e nne bokete.

Molaodi Matseka a re e re ntswa go na le thulaganyo e e feletseng ya gore maphata otlhe a a direlang mo diofising a fapaanele thulaganyo ya go kwadisa le go tsaya megote ya bodiredi kwa diofising tseo, maphata mangwe ga a dire jalo.

Mo go tse dingwe, Molaodi a re e re ntswa maphata mangwe a kgonne go phepafatsa mo go tseneletseng diofisi tsa bone go lwantsha kgonagalo ya kanamo ya mogare wa corona, maphata mangwe ga a a kgona ka ntata ya letlhoko ya madi.

Mme Matseka o boletse gape fa manyalo a a neng a setse a kwadisitswe go le pele, a tlaa tsamaisiwa ke ofisi ya ga molaodi jaaka e le tlwaelo. O boletse fa monyadiwa, monyadi le basupi ba bone e le bone fela ba ba tlaa letlelelwang mo thulaganyong e.

Molaodi o boletse gape fa ofisi ya gagwe e ntse e tsweletse ka thulaganyo ya go aba diteseletso tsa meselepele ya batho jaaka ba ntse ba ikopela go ya mafelong a a farologanyeng a lefatshe leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : FRANCISTOWN

Event : POTSOLOTSO

Date : 02 Jun 2020