Molemi wa Tshimoyapula o lema setlhare sa kofi
01 Jun 2020
Molemi wa popota yo o dingwaga tse di masome matlhano wa Tshimoyapula mo kgaolong ya Legare, Rre Benjamin Phole o lema ditlhare tsa mogodungwana.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Phole o boletse bosheng fa a na le lerato le legolo mo go rueng le go lema.
Rre Phole, yo e neng e le lepodisi, o ne a tlogela sepodisi mme a inaakanya le temo-thuo e a boletseng e mo direla diaba ka go tokafatsa matshelo a gagwe le ba lelwapa la gagwe.
A re go kganela metsamao ya batho e le ntlha nngwe ya go thibela kanamo ya mogare wa corona go mmereketse le mororo go sa tlwaelesega.
Molemi yo a re o ne a bereka ka natla mo tshingwaneng ya gagwe mo lwapeng a lema merogo, mme o ruile dinonyane tse go tweng Quail le mebutla ga mmogo le go lema ditlhare tsa maungo, dinawa.
Selo se se mo humisang pelo le go feta ke ditlhare tse a di lemileng tsa kofi, mme a re setlhare seo se bogadi bo gaufi thata, a bolela gore o kile a se lema kwa tshimong ya gagwe se phophoma mme ka go tlhoka lesego, dijalo tseo tsa tlhaselwa ke ditlou tse di ileng tsa mo falatsa, jaanong o simolotse sesha mo lwapeng.
Maikaelelo e ne e le go lema go le gogolwane mme a simolole kgwebo ya go e sila a dira kofi fela e e tshwanang le e kwa marekisetsong.
A re setlhare seo se baya banayana ba ekareng dinawa mme fa go budule, tsone dinawanyana tsa teng di a gadikwa di bo di silwa go nna mogodungwana.
O boletse fa peo ya teng a e tsere kwa go kgaitsadie yo a neng a etetse kwa Malawi kwa a e tsereng teng.
Rre Phole ke molemi yo o matlhagatlhaga ka o kaya fa a batla go jesa lefatshe le ba lelwapa la gagwe ga mmogo le go itshetsa ka go rekisa go na le go kopa mo pusong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : TSHIMOYAPULA
Event : Potsolotso
Date : 01 Jun 2020