Tswelelang ka boitshwaro jo bontle
01 Jun 2020
Kgosi Samuel Bimbo wa Omaweneno kwa Kgalagadi Borwa a re go botlhokwa gore banni ba tsweledise boitsholo jo bontle jo ba ntseng ba itshwere ka jone ka nako ya kiletso mesepele go kganela kanamo ya mogare wa corona o o apesitseng lefatshe lotlhe kobo ka letshoba.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Bimbo a re puso e tsweletse ka go repisa ka bonya ka bonya melao ya kiletso mesepele, ka jalo go botlhokwa gore batho ba tswelele ka go ikgapha ka dinako tsotlhe go itsa kanamo ya mogare.
A re banni ba tshwanetse ba ithute ba bo ba ikaege go ya pele go tokafatsa boitsholo jwa bone jaaka fa puso e tsweletse ka go repisa melao.
Kgosi Bimbo a re seemo sa kiletso mesepele gore batho ba nne mo malwapeng se tsisitse tse di molemo tse batho ba ka di lebogelang ba bo ba di tsweledisa go ya pele.
O tlhalositse fa ofisi ya gagwe e itemogetse gore dikgetsi tsa dikiteo, kgokgontsho ya bong, matlhapa, le dintwa tse bontsi jwa tsone a reng di bakiwa ke go iphetisa dinotagi di wetse fela thata ko tlase mo nakong eno ya kiletso mesepele le thekiso ya majalwa.
A re motse oo jaanong o rena kagiso ka go sena modumo o o kalokalo mme ebile batho ba le mo malwapeng a bone mme a re go botlhokwa gore banni ba tsweledise boitsholo jo bontle jo ba ntseng ba itshwere ka jone.
Gape a re banni ba Omaweneno ba ntse ba itshwere sentle go sena metsamao e mentsi mme ba ne ba ikobile fela thata ba obamela melao yotlhe go itsa kanamo ya mogare wa corona.
A re e re lentswa go ntse jalo, go ne go na le ‘nawa tsa phure’ mme di ne di se kalo ka bangwe ba ne ba roba molao mme ba ne ba tshwarwa mme a re dinotagi di a tshwenya ka bangwe ba di rata bobe.
Kgosi Bimbo a re go nnile le dikgang tse pedi tsa majalwa a Setswana a a itiretsweng mo malwapeng a a neng a rekisiwa mme o tlhalositse gore morago ga go tshwarwa ga badira molato bao, batho ba ne ba emisa go dira majwalwa mo malwapeng.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Bimbo a re e ne e le la ntlha bontsi jwa batho ba tswa mo malwapeng ba ya kerekeng ka Tshipi le le fetileng mme ba ne ba obametse melawana yotlhe ya ba botsogo.
A re ba ne ba dira tsotlhe tse di tlhokegang go itsa kanamo ya mogare jaaka go itsaya mogote, go ipipa dinko le melomo, go kwala maina le go nna ka go katologana ka nako tsotlhe go itsa kanamo ya mogare.
O tlhalositse fa go ne ga nna le bogodu jwa leruo, ga nna le dikgetsi tse nne mme tse pedi di dirilwe ke motho a le mongwe fa tse dingwe tse pedi di dirilwe ke batho ba le babedi ba ba farologanyeng.
A re batho bao ba ne ba dira jalo morago ga go lemoga gore beng ba meraka eo ba ne ba seyo ko merakeng ya bone.
O tlhalositse gore batho ba motse oo ba itshetsa ka leruo le temo, mme ba remeletse thata ka fa leruong ka dipula di le boutsana mo Kgalagadi borwa.
A re monongwaga masimo a ne a na le dijo mme e bile bangwe ba rekiseditse khansele-potlana ya Tsabong temo ya bone ya magapu, mmidi, marotse le dinawa go fepa sechaba mo nakong eno e e thata.
Kgosi Bimbo a re banni ba thusitswe ke mmaboipelego ka dijo le ntswa di tsile morago ga nako, mme bangwe ba bone ba ne ba ngongorega fa ba ne ba sa phakisiwa mme bontsi e ne e le batho ba ba thusiwang ke goromente nako le nako mme goromente o tsweletse ka go thusa banni. A re bontsi jwa malwapa a ne a na le kgwetlho ya gore batsadi ba ne ba tlhokomela bana ba ba ntsi ba ya kwa dipalong tsa boferabongwe go ya ko go lesome le botlhano mme ba ne ba sa bona dijo tse di lekaneng go jesa bana ba bantsi ka dikolo di tswetswe.
Ka jalo, batsadi bao ba ne ba ikuela kwa go ene le kwa go mmaboipelego go thusiwa gore ba okelediwe dijo mme dikgang tsa bone di tsweletse ka go rarabololwa le ntswa go le thata ka ntata ya tlhaelo ya dijo.
Go leka go rarabolola seemo seo, Kgosi Bimbo a re bagwebi bangwe mo Omaweneno ba ne ba ithaopa ba abela puso kgomo le dijo gore batho ba fiwe.
O ne a go tlhalosa gore ba dimausu ba ne ba fiwa sebaka sa go rekisetsa khansele dijo mme ba ne ba leboga fela thata gore puso e bo e eme dikgwebo tsa bone tse dipotlana nokeng mo seemong se se thata sa mogare wa corona.
Omaweneno o tlhamilwe ka 1955 mme o na le batho ba le dikete tse pedi e le makgatlhanela thapong a merafe ya Baherero, Batlharo, Barolong, Batlhaping, Nama, le Bangologa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : OMAWENENO
Event : potsolotso
Date : 01 Jun 2020