Mokgatlho o aba dithiba molomo le dinko
29 May 2020
Mokgatlho wa ngwao kwa Zwenshambe, ‘Bring Zwenshambe Together’ e abetse baithuti ba lokwalo lwa bosupa, bagodi le bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, dimpho tse di itebagantseng le go leka go laola kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.
Mokgatlho oo, o o nang le maloko a le lesome le bosupa, e abile dipapetlan tse di thibang melomo le dinko tse 190, tse di lopileng P2 000 Motsheganong a le 28 kwa Zwenshambe.
Fa a di rolela ba bogosi le mogokgo wa sekole se sebotlana sa Zwenshambe, Rre Bawana Stephen, modulasetilo wa Bring Zwenshambe Together, Mme Tachenama Phumusa a re morago ga taolo ya gore batho ba ipipe melomo le dinko go leka go laola kanamo ya mogare wa corona, ba ne ba bona go tshwanela go aba mpho eo, maikaelelo e le go tsenya letsogo mo ntweng e.
A re ba dirile jalo go leka go thusa baithuti ba lokwalo lwa bosupa gore e re ba bula Seetebosigo a tlhola gabedi go seka ga nna le ope wa bone yo o ka yang sekoleng a sa ipipa molomo le nko.
Mme Phumusa a re le bone fela jalo ba ne ba lemoga fa bolwetse jo bo le borai, ka jalo bo tlhoka go tsibogelwa ka gotlhe mo go ka kgonagalang ntle le tiego epe, a re o itumelela gore ntswa ba ne ba sa kgone go kopana lebaka e le kiletso mesepele, ba ne ba kgona go fitlhelela maikemisetso a go nna ba abelana megopolo ka tiriso ya maranyane.
A re ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore ba ntshe bonnyennyane jo ba ka bo kgonang, mme phelelong ba abela baroki ba le bane tiro ya go roka dithiba melomo le dinko tseo.
Bangwe ba ba neng ba tswa basupi kwa tholong ya dimpho tseo, ba akaretsa mopalamente wa Tati Bophirima Rre Simon Moabi, mokhanselara wa Zwenshambe Rre Never Mabutho ga mmogo le moemedi wa bagodi ba Zwenshambe Mme Saliwe Nfila. Bogogi joo bo ne jwa iteela legofi maiteko a mokgatlho wa Bring Zwenshambe Together.
Ba supile fa seo se tlaa kgothatsa dikomiti tse dingwe mo Zwenshambe.
Mopalamente Moabi o ne a tlatsa ka go re se maloko a mokgatlho oo a se dirileng ke thuto mo baneng, a re ba tlaa tsoga ba supa mowa oo ka jaana tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Kabo Dimpho
Date : 29 May 2020