Ditirelo tsa dikhansele di boetse maemong
28 May 2020
Mokwaledi mo lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Boipolelo Khumomatlhare a re morago ga go tswa mo serubing, jaanong ditirelo tsa selegae ka bontsi di boetse mannong.
Fa a lekodisa Batswana ka tsa lephata la gagwe mabapi le twantsho bolwetse jwa COVID-19, a re dikhansele di tsweletse ka go fa Batswana ditirelo tse di farologanyeng di akaretsa go tsaya matlakala, tsa ditima melelo le go gokela dipone mo mekgwatheng ga mmogo le go abela batho dijo.
Le fa g ntse jalo, a re diphuthego tsa makhanselara di santse di sa tshwarwe, fa go tsena tsa dikomiti fela, go tsaya ditshwetso tse di tlhokafalang.
A re molao o o tsamaisang dikgaolo, o letla dikomiti tse gore mo seemong se lefatshe le leng mo go sone, di tseye ditshwetso tse di tlhokang go tsewa ka potlako.
Rre Khumomatlhare a re seemo sa COVID-19 se ba rutile go le gontsi jaaka botlhokwa jwa go bulela bagodi matlole a dibanka, go itsa go kgobokana kwa diposong.
A re jaaka fa kgaolo ya Kgatleng e ne e saletse morago mo go abeng dijo, go nnile le tswelelopele go tswa mo nakong e e fetileng.
Mogokaganyi wa lenaneo le le anamisang dijo go inola Batswana mo manokonokong a bolwetse jwa COVID-19, Rre Gabriel Seeletso ene o boletse fa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le abetswe P200 million go tsweledisa lenaneo la go abela Batswana ba ba amilweng ke COVID-19 dijo.
O boletse fa P150 million yo a neng a abetswe lenaneo leo, a fedile mo tikologong ya ntlha, mme lenaneo jaanong le tlaa tswelela le dira ka diphetogo dingwe ka bontsi jwa batho bo dule mo serubing go ka iphataphatela.
Mo go P150 million yo a neng a abilwe lwa ntlha, P25 million o ne a dirisiwa go duela ba boipelego le ba ba neng ba thapilwe, fa P9 million a duetse boradikoloi ba ba thapetsweng go anamisa dijo, mme P114 million e le wa dijo.
O boletse gape gore dijo tse di abilweng ke botlhe ba ba neng ba abela letlole la COVID-19, le tsone di thusitse.
A re le fa go dulwe mo serubing, lephata le tsweletse ka go amogela dingongora tsa bangwe ba ba neng ba sa itumelela ka fa ditshekatsheko di tsamaileng ka teng, bogolo segolo ba ba sa fiwang dijo.
Rre Seeletso a re go sekasikilwe malwapa a le 528 993, mme a le 416 347 ga fitlhelwa a tlhoka thuso. Mo malwapeng a a tlhokang thuso, go thusitswe fela a le 405 017 mo legatong la ntlha.
Motshwarelela tona mo lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae wa ditlamelo tsa boranyane, Rre Mpho Morapedi a re jaaka dikole di bulwa beke e e tlang, thulaganyo ya go baakanya dikole go nna mo seemong se se amogelesegang go lwantsha kanamo ya COVID-19 e tsweletse.
A re mo tirong ya go leka go lwantsha mogare, matlwana a boitiketso mo dikoleng a a baakanngwa, bogolo jang a a dirisang metsi.
A re kwa go senang metsi, go tlhongwa ditanka tsa metsi gore ka dinako tsotlhe go nne go na le metsi.
O boletse gore dikole di le 755 go netefaditswe gore di na le melora le matlhapelo a diatla.
“Tiro e re sa le re e tshwere ka nako ya kiletso mesepele, mme re e tshwere sentle, e bile e tsamaela kwa motsubong,” ga bua jalo Rre Morapedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : GABORONE
Event : COVID-19 Phuthego Ya Babegadikgang
Date : 28 May 2020