Breaking News

Mokhanselara wa pele o bolokwa ka Matlhatso

28 May 2020

Mokhanselara wa pele wa Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Mme Bakae Mathule, o tlaa bolokwa ka Matlhatso kwa motseng oo.

Ngwana wa moswi, Mme Boineelo Mathule, o tlhalositse fa Mme Mathule a tlhokafetse morago ga go kubugelwa ke bolwetse ka Labotlhano beke e e fetileng.

A re ba ne ba mo isa kwa kokelwaneng teng kwa Werda kwa a neng a alafiwa a bo a gololwa , mme ya re ka letsatsi la Mosupologo maphakela ka nako ya boraro a tlhokafalela kwa lwapeng lwa gagwe.

Mme Boineelo Mathule o tlhalositse fa moswi e ne e le leloko la popota la Botswana Democratic Party (BDP) , mme o ne a tlhophiwa go nna mokhanselara wa kgaolwana ya Werda mo ditlhophong tsa setshaba tsa 2009.

O ne a latlhegelwa ke ditlhopho tsa 2014, mme a nna mokhanselara yo o itlhopetsweng.

Ngwana wa moswi o tlhalositse fa mmaagwe a tlhokafala jaana a le dingwaga di le masome a matlhano le botlhano.

Mongwe wa leloko la khuduthamaga la phathi ya BDP mo kgaolong ya Western Region, Mme Velleminiah Brooks o ne supa fa Mme Mathule a nnile leloko la phathi a sa ntse a le monana.

A re e ne e le mogaka, e bile e ne e le mogakolodi mogolo wa banana le bomme gape e le setswerere sa kopelo.

Mme Brooks a re le ntswa moswi a ne a latlhegelwa ke ditlhopho mo ngwageng o o fetileng, o ne a seka a kgobega marapo ka a ne a tsweletse ka go rata phathi ya gagwe, e bile a sa kgale mathe ka go bua ka mananeo a yone.

Moswi o tlogela bana ba le batlhano le bana ba bana ba supa. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Interview

Date : 28 May 2020