Letlole le abetswe madi a a fetang sedikadike
26 May 2020
Letlole la COVID-19 le abetswe madi a a fetang sedikadike sa dipula le dimpho tse dingwe tse di lopileng P1 964 150.
Fa a amogela dimpho tseo mo Gaborone ka Labobedi, Mothusa Tautona Slumber Tsogwane o ne a akgola botlhe ba ba tsweletseng ka go abela letlole la COVID-19.
Rre Tsogwane o boletse fa a feletswe ke mafoko go bona ka fa Batswana ka bongwe ka bongwe, makgotla le bagwebi ba tsibogetseng ka teng molaetsa wa ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi.
A re thotloetso e e kanakana e, e tlaa dibela Batswana mo go weleng mo isong, ka jaana tema mo go lwantsheng manokonoko a segajaja e setse e bonala.
A re o leboga Modimo gore Botswana o santse a sireletsegile.
O ne a kopa Batswana go tswelela ka go tshegetsa ditaelo tsa ba botsogo tsa go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa ka metsi le molora, go katologana le go apara dithiba molomo le dinko, gareng ga tse dingwe.
Mothusa tona mo Ofising ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Meshack Mthimkulu o boletse fa Batswana e le batho ba ba abang, mme ebile se se tlaa ba neela katlego.
A re Batswana ba tsweletse ka go supa bopelotlhomogi go tswa dintlheng tsotlhe tsa lefatshe, ka jalo a leboga botlhe ba ba abetseng letlole la COVID-19.
Moemela lefatshe la Turkey mo Botswana, Mme Melten Buyukkarakas ene o ne a akgola lefatshe leno ka fa le lwantshang segajaja sa COVID-19 ka teng.
A re boemedi jwa lefatshe la Turkey bo bone go tshwanela gore bo tsenye letsogo mo go abeleng letlole la COVID-19 jaaka Tautona Masisi a kopile.
Lekgotla la Botswana Council of Churches, kereke ya UCCSA le ya Church of God in Christ le tsone di abetse letlole leo, ga mmogo le dikhamphane tse di farologanyeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : GABORONE
Event : COVID-19 Donation
Date : 26 May 2020