Mokhanselara wa MogorosiThabala o gasa molaetsa wa COVID-19
26 May 2020
Maiteko a go gasa molaetsa ka thibelo kanamo ya mogare wa corona mo kgaolong-potlana ya Serowe ile magoletsa.
Goriana mokhanselara wa Mogorosi/Thabala, Rre Edward Gaefele, o dirisa koloi ya gagwe go gasa molaetsa ka thibelo kanamo ya mogare wa corona.
Gape o kwadile melaetsa yotlhe ya go tsibosa batlhophi ka go ipabalela le go sala morago melawana ya thibelo ya mogare.
Rre Gaefele o boletse fa bolwetse jwa COVID-19 bo babaletse itsholelo ya mafatshe ka bophara, e bile dintsho tsa teng di tsitsibanya mmele, ke ka moo a boneng gore a gakolole batlhophi kgapetsakgapetsa ka go itlhokomela le go obamela dikgakololo tsa ba botsogo.
O boletse fa a dira jalo ka boithaopo, go kwala melaetsa le go gasa melaetsa mo masimo, meraka le metsana mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi.
A re jaanong batho ka bontsi ba tsere melaetsa ka tlhoafalo, e bile ba amogela molaetsa botoka fa go bua bogogi jwa kgaolo jaaka magosi le makhanselara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 26 May 2020