Ba tshosa diphiri ka seka-motho
26 May 2020
Maano a botshelo ga a site go sita a leso, e bile gape ga twe e re go tlhalefa bolwetse le ngaka o e tlhalefe.
Ka lone lebaka le, balemi-barui ba masimo a Shakge go bapa le Mogorosi kwa bophirima jwa Serowe, ba boletse fa ba sa bolo go jesediwa mo kgobedung ke diphologolo tsa naga, tse di ba jelang setlhogo leruo le dijalo, mme ba bone go le botoka go di jela tlhogo.
Mme Ntsopa Ntesang wa masimo ao o boletse mo potsolotsong gore morago ga go lela selelo sa khuranyo ya meno, ba dirile ditshwantsho tse e kareng batho ba tsholeditse matsogo, ba bo ba di baya fa pele ga masaka a dipodi le kwa masimo go tshosa diji.
A re dihutshane tsa gagwe le letsomane di feditswe ke diphiri tse di tlang bosigo, di bolaya di bo di tswa di tsamaya. A re mme e rile ba sena go baya dika-batho tseo ga nna botoka.
O boletse fa kwa tshimong gone ba leka go koba ditholo tse di ba upuditseng, mme ba baya ditshosa tseo, mme morago ga lebakanyana di tlwaela dika-batho tseo, tsa boelela gape di tsena fela di bona gore ke ditshosa fela dilo tseo.
O boletse fa ba lekile thata go begela ba lephata la diphologolo makgabisa naga, mme karabo e nna gore fa ba fitlhela ditholo tseo mo tshimong ba di bolae mme ba bege kwa go bone.
O boletse fa monongwaga ba ne ba bolaile thobo mme sebe sa phiri e le gore diphologolo di ba somotse mowa ka go ba jela, mme legale a re ba santse ba solofetse go le gontsi ka gore marotse, ntshe le mmidi ga di na botwesepe.
Mme Ntesang a re o a ja gape o a rekisa, fela o ne a kgorelediwa ke go obamela melawana ya ba botsogo ya go kganela metsamao e le go laola kanamo ya COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 26 May 2020