Ditlou di tsentse letsogo
26 May 2020
Ditlou di tsentse barui ba meraka ya Dikgatho le Gurujwaa gaufi le Robelela tsebetsebe.
Kgosi Phillip Tamocha wa Robelela o boleletse BOPA fa ditlou di ba bintsha tlantlapa ntateng ya tshenyo e di e dirang mo masimo le mo merakeng.
A re ditlou di thelesegetse mo merakeng e bosheng, selo se barui le balemi ba sa se tlwaelang.
Kgosi Tamocha o tlhalositse gore le fa kgaolo eo e le ya ditlou, di ntse di tla ka sewelo e bile tshenyo ya tsone e le kwa tlase mme jaanong palo ya tsone e godile.
O tlhagisitse balemi-barui le banni ba Robelela go nna podi matseba fa ba ya merakeng le masimo, bogolo jang maitseboa, a re ba ithute go tshela le ditlou ka gore tlou ke phologolo e e kgonang go galefa mme e gape botshelo jwa motho.
Kgosi Tamocha o tsweletse ka go tlhalosa fa ditlou di sentse le terata ya matlhoko a leruo e e gaufi le molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe.
A re le fa go ntse jalo, barui ba dise leruo le seka la tlolela kwa Zimbabwe.
A re o kopile ba lephata la diphologolo le makgabisa naga go ba tswa thuso ka ditlou tse di sailang kwa merakeng, a re meraka eo ga e kgakala le Robelela, ka jalo ditlou tse di ka toga tsa goroga le mo motseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Interview
Date : 26 May 2020