Kgosi o itumelela boitshwaro jwa morafe
26 May 2020
Kgosi Kago Pheretlhego wa Mogorosi a re o itumelela boitshwaro jwa morafe wa gagwe fa e sale go tlhongwa molao wa go emisa metsamao e le maiteko a puso a go laola bolwetse jwa COVID-19.
Mo potsolotsong, Kgosi Pheretlhego a re mo nakong eno banni ba obamela melao yotlhe e e beilweng e puso e e ntshang ka seromamowa nako le nako.
O ne a supa fa mo nakong eno ya go repisa metsamao go ya kwa mafelong a a farologaneng, go sena matshwenyego ape ka batho ba kgona go etela mafelo a a gaufi a tshwana le Serowe go batla tse ba di tlhokang.
Kgosi Pheretlhego a re ntleng le moo, go na le bangwe fale le fale ba ba gogang motsoko ntswa mo nakong eno go sa letlelelwe.
O boletse fa go na le dipelaelo tsa gore go na le bangwe ba ba rekisang motsoko mme go sa letlelelwe go dira jalo, le fa go ise go nne le ope yo o tshwaretsweng go goga.
O ikuetse mo banning ba Mogorosi go tsaya melaetsa ya segajaja sa COVID-19 tsia ka e le bolwetse jo bo borai thata.
A re go repisiwa ga melawana ga go reye gore go ikgatholosiwe bolwetse jo, mme gape ba tshwanetse ba tsamae ba ipipile melomo le dinko fa ba ya kwa mafelong a setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 26 May 2020