Breaking News

Go titiela bojalwa kwa Nxaraga go a tshwenya

24 May 2020

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Nxaraga, Rre Geoffrey Manja, a re ga ba jesiwe diwelang ke banni bangwe ba ba tsweletseng ka go titiela bojalwa, le ntswa puso e emisitse thekiso ya bojalwa.

A re dipego di supa fa bangwe ba dirisa marotse go apaya majwala mme ba tsenya dilo tse di borai jaaka spirit le yeast fa bangwe ba rekisa ditagi tse di sa letlelelweng.

Rre Manja a re bogogi bo ne jwa ema ka dinao go kgalema, mme ka maswabi seemo ga se a tokafala ka jaana banana ba tsweletse ka go itontela dino tagi mme ba felele ba dira maitsholo a a makgasa.

A re gantsi ba ba lemoga ka motsamao o o sa itekanelang le tiriso ya ditlhapa, a supa fa bangwe ba felela ba amega mo dintweng le ditiro tse dingwe tsa botlhoka tsebe.

O tsweletse a re ba setse ba kwadisitse kgang e le nngwe ya morekisi wa bojalwa ka jaana a ikgatholositse kgakololo ya bogogi. Le fa go ntse jalo, Rre Manja a re e re ba dira maiteko, go kgalema, ba lemogile fa go na le bangwe ba ba holodisang maiteko a bone le ba molao.

Rre Manja a re ga ba kake ba kgona seemo seo fa ba sa bereke ba le seoposengwe.

O kopile bogogi jwa motse go tshwaraganela tiro ya go aga motse wa bone a re dikomiti tsotlhe di tshwanetse go bereka le bogogi ba le ngata ka jaana Setswana se re leina le lentle le itirelwa.

A re fa ba dira ka tshwaragano, kutlwano le mowa o le mongwe fela, ruri ba ka fenya dikgwetlho tse di aparetseng motse wa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Nxaraga

Event : Interview

Date : 24 May 2020