Bagwebi ba abela banni ba Khawa
18 May 2020
Bagwebi bangwe kwa Kgalagadi ba abetse malwapa a le masome a mabedi dijo kwa Khawa ka letsatsi la Tshipi.
Moeteledipele wa marekisetso a Trans Africa kwa Tsabong, Rre Bhavesh Brahmbhatt, a re ba amogetse maina a le masome a mabedi go tswa kwa komiting ya motse ya ditlhabololo.
A re go botlhokwa go thusa puso mo go lwantsheng mogare wa corona o o tsentseng tsebe-tsebe lefatshe ka bophara.
Rre Brahmbhatt a re go botlhokwa go ema ka dinao go thusa mo ntweng ee tlhasetseng mafatshe.
A re go botlhokwa gore banni ba sale ditaelo tsa ba botsogo morago go itsa kanamo ya mogare mme bagwebi bone ba tlaa tswelelela ba thusa fa ba kgonang teng.
Fa a leboga bagwebi bao, mothusa kgosi wa Khawa, Kgosi David Manyoro, o ba akgoletse go aba dijo tseo.
A re seo ke setho sa maemo a a kwa godimo se se tshwanetseng go opelwa legofi ka ga se batho ba bantsi ba ba ka kgonang go dira jalo .
Kgosi Manyoro a re fela jaaka batho botlhe mo Botswana, banni ba amilwe ke melao yotlhe e e direletsweng go thibela kanamo ya mogare oo ka jalo ba tlhoka go tlamelwa gore ba kgone go tshela.
Moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo, Mme Mmita Kelefhile, ene o phophothile bagwebi bao magetla gore ba bo ba thusitse ka nako a re go sego letsogo le le abang.
A re puso e leka fela thata ka gore banni ba le masome a fera bongwe ba setse ba bone dijo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Khawa
Event : Kabo dimpho
Date : 18 May 2020