Molemi wa Segakwaneng o tlaa ora wa mariga
18 May 2020
Balemi barui ba masimo a Segakwaneng gaufi le Serowe ba tshepha fa wa mariga ba tlaa o ora monongwaga ka ba bone thobo e e botoka.
Mongwe wa balemi barui ebile e ne e le modulasetilo wa komiti ya balemi kwa kgaolong eo, Rre Mosalagae Mothanke, o boletse mo potsolotsong gore o bolaile mmidi, ditloo, marotse le manoko.
A re o beile dikgetsi tsa mmidi sentle gore ga go ka nna le leshekere ngwaga ono, a bo a ka ijesa le go rekisa go sena tsapa le mo hedisang pelo.
Rre Mothanke o boletse fa a santse a saletswe ke ditloo mo tshimong, mme go batla gore le tsone a di potlakele a di epolole a re fa e le marotse a makima o ne, a ntse dirotoroto mo tshimong.
A re mo nakong e, e motsamao o laolwang go kganela kanamo ya mogare wa corona, o ne a semeletse a roba kwa masimo.
Le fa gontse jalo, o ne a bua ka pelo e khibidu ka letamo la bone la Ramajaalela le a reng le ne la thubega, jaanong le sena metsi a mantsi.
Rre Mothanke a re komiti e maoto a tshupa go baakanya letamo fa le thubegileng teng le gore terata ya teng e e kgaotswe ke bangwe ba ba senang kelelelo go baka gore dikgomo di tsene mo go lone
O boletse fa letamo leo le ne la epiwa ke lephata la temo thuo, maikaelelo e le go thusa balemi go nna kwa masimo go ntsha dijo, mme ka go tlhoka tomagano ya morafe, letamo ga le tlhokomelesege.
Rre Mothanke o boletse fa puso e ne ya ba fa ditlhapi go di tlhokomela mo letamong le o gore morafe o itshetse ka tsone. ENDS
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 18 May 2020