Balemi ba lela ka tlhwatlhwa ya dinawa
18 May 2020
Balemi bangwe ba lela ka tlhwatlhwa ya dinawa kwa marekisetsong e ba reng ga e nametse ka jalo ba kopa puso go e sekaseka.
Mo potsolotsong, molemi wa masimo a Mosisedi mo Metlobo, mo kgaolong ya Borolong, Mme Gothatanang Phirinyane a re balemi ga ba bone dipoelo tse di nametsang morago ga go rekisa dinawa ka gore ditlhwatlhwa di kwa tlase.
O supile fa kgwetlho e tona e le ditshenyegelo tsa go roba le go tsenya mo dikgetsing, a re ditlhwatlhwa tsa go thapa babereki di ile kwa godimo, mo go feleletsang go dira gore seelo sa dipoelo se felele se nna kwa tlase.
Ka jalo a re go botlhokwa gore puso e ele seemo se tlhoko go bona gore a ga gona sepe se se ka dirwang go tlhatlosa ditlhwatlhwa ka jaana ba babalelwa ke ditshenyegelo tsa go lema le go thapa badiri.
Le fa go ntse jalo, Mme Phirinyane o tlhalositse fa ba tlaa bona thobo e e nametsang, a supa fa a lemile dihekere tse di lesome le bone tsa dinawa.
A re gantsi ka nako ya thobo, ba thapa babereki ba nakwana, se e le go leka go fefosa thobo, mme jaanong se e nnile kgwetlho ka jaana go na le kiletso ya metsamao go hema go anama ga mogare wa COVID-19.
Mo go tse dingwe, Mme Phirinyane o gakolotse bomme ka botlhokwa jwa go tsena mo temong. BOKHUTLO
Source : Bopa
Author : Thuso Kgakatsi
Location : METLOBO
Event : potsolotso
Date : 18 May 2020