Breaking News

Kgosi Hube o kuela ba Mahatlhe

18 May 2020

Kgosi Hube o kuela ba Mahatlhe

Ere ntswa legato la ntlha la go thusa ka dijo, go imolola  ba ba amegileng mo manokonokong a mogare wa corona le ya motsubong, banni ba Mahatlhe, kwa kgaolo potlana ya Molepolole/Ntsweletau, ba lela gore ba ise ba sekasekwe.

Mo potsolotsong le ba BOPA Motsheganong a le 16, Kgosi Tlhabologang Hube wa motse wa Sojwe, o ne a tlhaba mokgosi, a supa fa banni bao ba babaletswe ke tlala, go supahala fa thulaganyo ya go ba sekaseka e saletse morago.

“Re tshwenngwa ke gore ntswa re itemogela diemo tse di thata mo kgaolong eno, ga re kgone go nna le tekodiso ya ba boipelego, ka se e ka tswang e le bothata,” ga tlhalosa kgosi Hube

Bangwe ba banni ba kgaolo eo, ba re ba kgaphetshwe kwa ntle ke thulaganyo ya go tlamela batho ka dijo tsa letlole la COVID-19.

Ba re fa gona le mongwe yo o setseng a le mo lenanenong la puso jaaka la masiela kana bagodi, ga ba thusiwe le mororo ba kgobokanye golo go le gongwe, dipalo tsa batho di oketsegile.

Mme Maria Selelakgama yo o nang le masea a mabedi e bile a itsholofetse, ke mongwe wa bao ba reng ga ba thusiwa ka mabaka a gore mmaagwe o a phaka ntswa seemo se le maswe.

Mme Dingalo Sepae le ba lapa la gagwe ba ka nna lesome, le baagisanyi ka ene ke bangwe ba ba iseng ba sekasekwe.

A re ba tlhobaediwa ke gore ga gona le ha e le mokgwasa ope ka se se bakileng tiego e kalo le mororo ba babaletswe thata ke tlala.

Mokwaledi wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Gofaone Kgabanyane, a re komiti e e lebanyeng ga e ise e ba lekodise se, ka jalo ba ne ba ne ba sena kitso ka go salela morago ga tshekatsheko ya malapa mangwe ba masimo a Mahatlhe.

A re ke gone a neng a tlhalosediwa fa bontlha bongwe bo direlwa, ka jalo a tshephisa fa  ba tsibogetse seemo seo. O ne a tshepisa fa banni bao tlaa bona thuso go simolola Motsheganong 18.

Rre Kgabanyane a re ntswa thulaganyo ya dithuso tsa COVID-19 e sa akaretsa  malwapa a a thusiwang ka dijo tsa botlhoki le bana ba dikhutsana, seemo se kgona go fetoga, go lebilwe mabaka mangwe jaaka palo e e mo lwapeng ka nako ya tshekatsheko.

A re tshekatsheko e direlwa gore ba kgone go tlhaloganya diemo tse di farologanang mo malwapeng a a thusiwang. BOKHUTLO

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : potsolotso

Date : 18 May 2020