Breaking News

Morui o tla sekela go bolaya tau

18 May 2020

Monna mongwe wa polase ya Moshalelwe, yo go belaelwang a bolaile tau ka matshwenyego a gore e mo feleditse leruo, o tlaa isiwa fa pele ga kgotla ya ga mmakaseteraka kwa Molepolole go arabela molato oo.

Go belaelwa fa monna yo wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro, a bolaetse tau eo mo phakeng ya CKGR pele a e rwalela kwa polaseng ya gagwe.

Mogolwane wa mapodisi a Sojwe le tikologo, Superintendent Kitsiso Lemogang, o tlhomamiseditse fa monna yoo a ne tsoma tau eo morago ga go retelelwa ke go e bona a na le ba lephata la diphologolo kgwedi ya Moranang e le masome mabedi le bosupa.

Monna yo o bolela fa tau e mo jetse dinamane di ka tshwara lekgolo.

Supt Lemogang a re dipelaelo e nnile gore, o ne a betwa ke pelo morago ga maiteko a go ya go e tsoma le ba lephata la diphologolo, mme a e tsaya ka motlhala go fitlhelela a ya go e bolaela kwa phakeng eseng mo polaseng ya gagwe jaaka e le tshwanelo.

Mo tiragalong e nngwe, monna mongwe wa Sojwe wa dingwaga tse di masome mane le borataro le motlogolo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mararo le boraro, ba tlhotlhomisiwa mabapi le polao ya kgomo nngwe.

Bobedi joo, go bolelwa fa ba ne ba mekamekana le kgomo eo, go ya go e bolaela mo tshimong. Mme mmutla o ile wa rotha madi ba ise ba wetse lenaneo la bone la go fudusetsa dinama kwa lwapeng. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : SOJWE

Event : potsolotso

Date : 18 May 2020